Breaking News

Banni ba rotoetswa go dirisa sebaka

23 Jan 2018

Mogolwane wa khamphane ya LNT e e itebagantseng le go dira mafaratlhatlha a motlakase go tswa Palapye go ya kwa Mawana mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Patrick Oleseng o gwetlhile banni ba Chanoga go dirisa sebaka seo ka ba le gaufi le madirelo a a fa Mawana. 

Rre Oleseng o buile seo bosheng kwa Chanoga fa ofisi ya molaodi wa Bokone Bophirima e tshwere phuthego. 

O supile fa komponi ya LNT e ya go thapa dikhamphane tse di farologaneng tse di tlaa thapang batho ba le bantsi ba dikitso tse di farologaneng. 

Ka jalo, Rre Oleseng o ne a re banana ba Chanoga ba ipaakanyetse sebaka se se tlang le mafaratlhatlha ao. 

O supile fa khamphane ya LNT e na le maitlamo a go dira ditlhabololo le go hira benggae ka dipalo tse di rileng gongwe le gongwe ko ba direlang teng. 

Le fa gontse jalo, Rre Oleseng o ne a gakolola bagolo ba Chanoga go tsenya leitlho segolo jang mo bananeng gore ba ikgaphe mo diemong tse di tlang le boradikonteraka mo mafelong a bone. 

Rre Oleseng o tshwaetse fa khampane ya gagwe e dirisanya le ba botsogo ka jalo ba rotloediwa gore ditiro tseo tse ba di dirang tsa ditlhabololo di seka tsa nna le di-tla morago tse di tshwanang koketsego ya malwetse jaaka HIV/AIDS mo mafelong ao. 

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Oateng Setlhodi wa Chanoga, o ne a re e le bogogi jwa motse ba itumelela ditlhabololo tse di tlaa tsisiwang ke mafaratlhatlha ao a motlakase. 

Ka jalo Rre Setlhodi o ne a gakolola banana ba motse oo gore ba baakanye ditlankana tsa bone mme ba nne malala a laotswe gore ba iteke lesego mo dikhamphaneng tseo. 

O ne gape a tshwaela gore morafe o itlhokomele mo go tse di maswe tse di ka tlang le ditlhabololo tseo. 

Go le pele, Rre Oleseng o ne a tlhalosa fa tiro e e solofetsweng go tsaya dingwaga di ka nna pedi e sale e simolotse Sedimonthole a tlhola ga tlhano mme a re pulo semmuso ya tiro eo e e ne e solofetswe go dirwa Hirikgong a le masome mabedi le boraro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 23 Jan 2018