Breaking News

Ba kopa diofisi tsa kgotla

23 Jan 2018

Banni ba Kgari le Pole mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba kopile puso go agela metse ya bone diofisi tsa kgotla.

Ba ntshitse kopo eo mo diphuthegong tsa kgotla di tshwerwe ke mopalamente wa bone, Rre Biggie Butale kwa metseng ya bone kgwedi eno e le lesome le boferabobedi. Ba re ba tswa kgakala ba ikuela ka seo mme le jaanong jaana ga go nko e e tswang lemina.

Kgosi Clinic Ketlogetswe o ne a tlhalosa fa a direla mo ntlong e nyenyane, a bolela gape fa a sa bolo go kopa mokwaledi le mapodisi mo kgotleng ya gagwe mme go sena sepe se se dirwang.

Kgosi Ketlogetswe a re go tlhoka bodiredi joo mo motseng go a ba babalela ka jaana dirukutlhi di itirela go rata le go kgona di sa tshosediwe ke sepe, a tlatsa ka gore e ne ya re bosheng jaana ba welwa ke seru sa diphefo tsa matlakadibe, tse di neng tsa rutlolola leobo la kgotla.

O boletse fa ba le mo kgweding ya bone ba sena go welwa ke seru seo mme ba ise ba thusiwe go busetsa leobo leo mo seemong, ka moo ba tshwarela diphuthego ka fa tlase ga ditlhare.

E ntse e le ka lone letsatsi leo, mopalamente o ne a buisa phuthego e nngwe kwa motseng wa Masukwane, mme banni ba metse eo ka boraro, gareng ga tse ba neng ba ikuela ka tsone ya bo e le letlhoko la boroko jwa badirelapuso ba ba direlang mo motseng ya bone,  tiego ya ba lekgotla la kabo ditsha go abela baikopedi ditsha le go sa phatlaladiwa ga motlakase mo dintlheng tsotlhe tsa metse ya bone. Ba ne gape ba ngongoregela go bo mananeo a nyeletso lehuma a le bonya go goroga kwa metseng ya bone, ba tlhalosa fa bangwe ba kgona go leta dingwaga di ka nna thataro ba ise ba thusiwe morago ga go dirwa tshekatsheko.

Mo go tse dingwe, banni ba Kgari, Masukwane le Pole ba ne ba ikuela mo pusong go dira sengwe go leka go namola batho mo leubeng ka go lebega monongwaga leuba le tlaa bo le shenne meno ka jaana lefatshe le kwakwaletse ntateng ya boutsana jwa pula.

Bangwe ba ne ba kopa gore ka ntlha ya seemo seo, puso e sekaseke go oketsa lemme la lenaneo la ipelegeng go thusa Batswana gore ba seka ba wela mo isong.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente Butale yo gape e leng mothusa tona mo lephateng la peeletso, papadi le madirelo o ne a tlhatlhelela banni ka melawana mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng.

Mopalamente o ne a tlhalosa fa molao o mongwe e le o o fetolang molao wa sesole sa Botswana, o mo go one masole a maemo a mabotlana jaanong ba tlamegang go tlogela tiro ba le dingwaga tse di masome a matlhano go na le pele mo ba neng ba patelesega go tlogela tiro ba le dingwaga tse di masome a mane le botlhano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : KGARI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Jan 2018