Borukutlhi bo keketse ko Monarch
23 Jan 2018
Banni ba kgaolo ya Monarch kwa Francistown ba ikuetse ko mopalamenteng wa bone wa Francistown Bophirima Rre Ignitius Moswaane ka borukutlhi jo bo diragalang mo kgaolong ya bone.
Ba ikuetse jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa bone ka Mosupologo.
E rile a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, Kgosi Charma Montshiwa a gatelela ka borukutlhi jo bo diragalang mo kgaolong ya gagwe, a supa fa bo bakwa ke lefifi le le mo kgaolong ya bone.
Mo go tse dingwe, kgosi o ne a kopa morafe wa gagwe go inaakanya le lenaneo la Re-anyalana le ka lone le ka ba thusang go tsena mo nyalong e e boitshepo go itsa go nna mmogo ba sa nyalana.
A re batho ba tshwanetse go itse fa lenaneo la Re a nyalana e se la batho ba ba dikobo dikhutshwane, mme mongwe le mongwe o ka inaakanya le lone.
Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Rosinah Lekgaba o ne a tlhalosa fa e le banni ba Monarch ba ikaelela go aga holo ya manobonobo e e tlaa bong e na le sengwe le sengwe se se tlhokafalang mo teng ka madi a ba a abetsweng mo dikgaolong tsa bone go itebaganya le ditlhabololo tsa motse.
O ne a kaya fa ba ikaelela go tla go hirisetsa ba ba tlaa bong ba na le keletso ya go e dirisa mo ditirong tse di farologanyeng, jaaka badiragatsi, ba dikereke, ba manyalo le ba bangwe fela jalo e le go leka go tsenya madi mo letloleng la ditlhabololo tsa motse.
Fa a ntsha la gagwe, mopalamente Moswaane o ne a kgala a menne phatla batsadi ba ba nang le mokgwa wa go bipa mpa ka mabele ntswa ba itse fa bana ba bone ba amega mo borukutlhing.
O ne a itlama ka go dira gotlhe mo a ka go kgonang go bereka le ba sepodisi bosigo le motshegare go lwantsha borukutlhi jo bo mo kgaolong ya Monarch.
Ka jalo o ne a kopa morafe gore le one o ikiteye ka thupana go bereka o le seopo se le sengwe le mapodisi mo maitekong a go lwantsha borukutlhi jo.
Fa a itebaganya le tsa thuto mopalamente Moswaane o ne a supa matshwenyego tebang le bagwebi bangwe ba ba rekisetsang fa dikgorong tsa dikole, a re go le gantsi bagwebi ba go nna jalo ba na le mokgwa wa go rekisetsa baithuti ditagi tse phelelong di kgoreletsang dithuto tsa bone le matshelo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chipo Boseja
Location : FRANCISTOWN
Event : phuthegong ya kgotla,
Date : 23 Jan 2018






