Mopalamente o leboga banni
22 Jan 2018
Mopalamente wa kgaolo ya Ngami Rre Thato Kwerepe o lebogetse banni ba Legotlhwana go bo ba nnile pelotelele gore motsana wa bone o tlhomamisiwe go nna motse.
Rre Kwerepe o ne a tlhalosa fa jaanong ba na le tshwanelo ya go batla ditlamelo tse ba bonang di tlhokega mo motseng wa bone.
O ne a kgothatsa banni go simolola go akanyetsa motse wa bone gore ba ka o tlhabolola jang, a gakolola ba lephata la kabo ya ditsha go batlisisa pele ka ditsha tse di mo motseng oo go hema go abela batho matlotla kana ditsha tsa batho.
Mopalamente Kwerepe o ne gape a tlhalosa fa ele tshwanelo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse go bona gore mananeo a ga goromente a nyeletso lehuma a goroga mo bathong le go bona gore a tsamaya ka thelelo.
O ne a supa fa mananeo aga goromente a a fiwang sechaba a direlwa gore batho ba kgone go tokafatsa matshelo a bone ka jalo a ba kopa go tsenya mananeo ao mo tirisong ka tlhwaafalo.
Rre Kwerepe o ne gape a kopa banni go go leka ka bojotlhe go tlhabolola matshelo a bone.
Are kgaolo ya gagwe ya Ngami ke kgaolo e e tshwenngwang ke dibetsa tsa tlholego le malwetse a leruo ka jalo a tlhalosa fa komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse go itse lego begela kgosi ka ba ba amegileng gore a tle a kgone go isa mathata ao kogo baba tshwanetseng.
Rre Kwerepe o ne a kopa banni go tsaya boikarabelo le go itse tsela yago ikuela fa ba sa tsewe sentle ke bodirelapuso mo motseng a bo a ba kopa go dirisana le bodirelapuso, a tlhalosa fa dikgang tsa magatwe di tshwanetswe go tilwa segolo bogolo mo diphuthegong tsa merafe.
Modulasetilo wa khansele e potlana ya Maun Rre Mmoedi Modiegi o ne a kopa banni go ikuela ka dikgang tsa tshenyetso sechaba mo maphateng ka go farologana a ba kopang dithuso kwa go one. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepo Botshelo
Location : SEHITHWA/LEGOTLHWANA
Event : phuthego ya kgotla
Date : 22 Jan 2018






