Breaking News

Kgosi Mangongorego o bolokilwe

16 Jan 2018

Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi ebile e le kgosi ya Batlokwa Puso Gaborone o supile fa moswi Kgosi Mangongorego wa Bere e ne e le motho yo o boikobo, bopelotelele, bonolo gape e le motho yo o ratang batho.

Kgosi Puso o ntshitse mafoko ao mo phitlhong ya ga Kgosi Mangongorego yo o tlhokafetseng kgwedi e e fetileng e le masome a mararo le bongwe kwa sepateleng sa Letsholathebe Memorial.

Kgosi Puso a re ba kopane le Kgosi Mangongorego ka ngwaga wa 2007 e le leloko le ntlo ya dikgosi go fitlhelela ngwaga wa 2009 a supa fa kgosi Mangongorego  e ne e le mongwe wa magosi a a neng a lwela gore dikgosi di okelediwe dithata.

Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi a re kgosi e ne e le motho yo o neng a rata go buelela kgaolo ya gagwe le motse wa Bere ebile a rata batho go tshwaragana ka dinako tsotlhe.

A re fa a bua ka go isiwa ga ditlamelo kwa kgaolong ya gagwe one a sa kgwe mathe ka jalo Kgosi Mangongorego o tshwanetse go gopolwa ka dinako tsotlhe.

Kgosi Gaborone a re one a dira gore go nne le tshwaragano magareng ga Batlokwa le morafe wa Bere ka gore o ne a tsaya morafe wa gagwe go ya kwa Tlokweng go ya go tsaya malebela ka ngwao ya Batlokwa le bone

Batlokwa ba ne ba etela motse wa Bere go tla go tsaya maele ka ngwao ya bone.

A re selo se se dirilweng ke Kgosi Mangongorego ke selo se se botlhokwa ebile ga a kitla a lebala  selo seo.

O kopile banni ba Bere gore ba tsosolose gape go etelana go ya kwa pele gore ba tshwaraganele dingwao tsa bone .

Kgosi Puso a re tiro ya kgosi ke go aga le go letlanya ka jalo banni ba motse wa Bere ba tshwanetse go tshwaragana gore fa ba batla kgosi ba nne moono mongwe go seka ga nna le dikgogakgogano ebile e le motho yo o nang le boikarabelo ebile a siame.

Kgosi Puso a re Kgosi Mangongorego o tshwanetse go gakologelwa ka ditiro tsa gagwe tse a di diretseng morafe wa gagwe le Batswana ka kakaretso.

Erile Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi a ntsha la gagwe a tlhalosa fa Kgosi Mangongorego a ne a santse a le monana ka jalo ba ne ba santse ba solofetse tse dintsi mo go ene.

Kgosi Lekgothu a re ba kopane le  Kgosi Mangongorego ka ngwaga wa 1998 fa a simolola tiro.

A re e ne e le motho yo o ditlhong a na le tlotlo e ntsi fa a kopana le bagolo.

Kgosi Lekgothu o kopile morafe wa Bere go tshwaragana go batla motho yo o siameng yo o ka tshwarelang bana ba ga Kgosi Mangongorego  bogosi jwa bone.

A re dikgosi mo lefatsheng la Botswana di a tlhokafala ka gore morafe ga o kake wa nna fela o sena kgosi.

Dibui ka go farologanya di ne tsa supa fa Kgosi Mangongorego e ne e le motho wa batho yo o lorato ebile a rata batho go tlhabologa mo motseng wa bone. Ba re e ne e le motho yo o sa rateng go lebela yo mongwe kwa tlase.

Moswi o tlogela mosadi le bana ba basetsana ba le bane le wa mosimane,  mmagwe le rragwe le bokgaitsadie ba le babedi le bomonnawe  ba basimane ba le babedi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Phitlho

Date : 16 Jan 2018