Go dira sentle le badirelapuso go molemo
11 Jan 2018
Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare e bile e le mothusa tona wa banana, metshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o rotloeditse banni ba Mogapinyana le Mogapi go bereka le badirela puso gore ditlhabololo di kgone go goroga kwa metseng ya bone.
Rre Mzwinila o ne a bua mo phuthegong ya Kgotla kwa Mogapinyana bosheng, a tsibogela mafoko a mokhanselara wa motse oo Mme Mmaletsatsi Nthobatsang.
Mme Nthobatsang o ne a supa fa e rile bosheng a tswa ka mogopolo wa go thusa batho ba le lesome le bosupa ba ba supileng bokgoni mo ditirong tse di farologaneng tsa diatla di akaretsa kago, motlakase, go tsenya metsi mo matlong le go nosetsa ditshipi.
Mme Nthobatsang o supile fa batho ba go nna jalo e le bone ba gantsi ba thapiwang mo ditirong tsa diatla mme go sena se se netefatsang bokgoni jwa bone.
A re se se ne sa mo gwetlha gore a ikopanye le ba sekolo sa Madirelo Training Centre go tlhatlhoba bokgoni jwa batho bao, bangwe ba bone ba kgona go pasa mme ba neelwa ditlankana.
Rre Mzwinila o ne a kgothatsa Mme Nthobatsang go tswelela ka se a se dirang ka e le maikaelelo a puso go tokafatsa dikitso tsa Batswana a bo a supa fa Mme Nthobatsang a dirile tiro e tona ya go tokafatsa dikitso tsa banni ba kgaolo ya gagwe.
A re puso e rotloetsa gore ditiro tsa mo magaeng di dirwe ke beng gae mme se, se tlaa dira gore ditlhabololo di nne teng ka gona le batho ba ba nang le dikitso tse di tlhokegang.
Rre Mzwinila o ne a rotloetsa dikhansele le morafe go dirisa batho ba go nna jalo gore ba fokotse letlhoko la ditiro mo motseng.
Ba mokgatlho wa ga Pelo ya ga Mzwinila Trust, ba ne ba abela bana ba sekole se se botlana sa Mogapinyana dibeke di le lekgolo le didirisiwa tse dingwe tsa sekole.
Kwa Mogapi, banni ba ne ba supa go sa itumela mabapi le kokelwana ya motse wa bone, ba supa fa ba sa le ba solofeditswe fa e tlaa katolosiwa ka lenaneo ya ESP mme ba sa kgone go tlhaloganya gore seo se ya go diragala leng.
Dr Gobusaone Morupisi go tswa kwa Palapye District Health Management Team (DHMT) o tlhaloseditse morafe wa Mogapi fa kokelwana ya bone e tlaa agiwa ka legato la boraro la ditlhabololo.
Dr Morupisi o supile fa letlhoko la bodiredi jo bo rutetsweng tiro ya dikago kwa lephateng la botsogo e le lo ne le dirileng gore ditlhabololo tsa legato la ntlha di tshwana le go atolosiwa ga kokelo ya Lerala le ya Matlhakola di bo di ise di simolole go agiwa.
Rre Mzwinila o ne a kopa morafe wa Mogapi go nna pelotelele le go tswa ka megopolo e e ka thusang gore e re ba sa ntse ba letile katoloso ya kokelwana ya bone, ba bo ba ka kgona go bona ditlamelo tsa botsogo ka go supagetse fa ba tsaya kalafi kwa Sefhophe le Selebi Phikwe.
Rre Mzwinila o ne a kopa banni ba metse eo go ipaakanyetsa loeto lwa ga Tautona fa a tlaabo a le kwa Mmadinare Tlhakole a tlhola malatsi a le mabedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 11 Jan 2018






