Ba metse ya Paje Mabeleapodi le Majwanaadipitse ba lela ka lenyora
10 Jan 2018
Banni ba metse ya Tshimoyapula, Paje, Mabeleapodi le Majwanaadipitse kwa kgaolong ya botlhophi ya Serowe Bokone ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Kgotla Autlwetse mo diphuthegong tsa kgotla ka lenyora le le ba tlhakalaleditseng kwa metseng ya bone.
Ba ngongoregetse gore badiri ba koporasi ya setshaba ya metsi ga ba nke ba ba rerisa fa ba na le mathata ka jalo ba kopa gore ba nne ba ba bolelela fa go na le seemo se se amang matshelo a bone.
Mogolwane go tswa kwa kopo Water Utilities Corporation, Rre Nkgakololang Rankgobo o supile fa ba itse ka mathata a metsi kwa metseng eo mme a gokela sediba sa Seokoso gore ba kgone go siela batho ba metse ya Paje le Mabeleapodi.
Rre Rankgobo a re Water Utilities e ne e dumalane le Botswana Power Corporation gore e siele metse ya bone metsi ka metsi aa dirisiwang kwa Morupule a feta ka Paje mme ya re mo tsamaong ya nako ba supa fa ba nnile le koketsego ya tiriso ya metsi kwa Morupule ka jalo ba ka se kgone go diragatsa kopo eo.
Mo go tse dingwe badula setilo ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse eo ka go farologana ba supile fa ba dirisitse madi a a abetsweng kgaolo ya bone go tlhabolola metse ka go aga mantlo a boroko a LA2 motse mongwe le mongwe mme ba supa fa ditiro tsa bone di saletse kwa morago ka lone letlhoko la metsi le di dirisiwa tse dingwe tsa kago jaaka ditena.
Ba supile gore fa ba ka salelwa ke madi ba tlaa dirisa go aga matlo a badisa dikago kwa dikokelwaneng.
Rre Autlwetse, yo gape e leng mothusa tona wa temo thuo o ne a tlhalosa fa lengwe la mabaka a loeto lwa gagwe e le go tla go ba rerisa ka go tlogela tiro ga ga Tautona Mopitlo a fela.
Rre Autlwetsi o ba itsisitse fa Tautona a setse a simolotse loeto lwa gagwe la go laela mme mo metseng e mengwe a tsamaya a laela mo dikgotleng tse di tona fa kwa Serowe go tla nna le pharologanyo ka gore ke legae la gagwe e bile ke kgosi kgolo ya ga-Mmangwato.
A re e tlaare Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le bobedi o tlaabo a laela kwa kgotleng ya Moiyabana a bo a fetela kwa kgotleng ya Paje mme go tswa foo a laele kwa Mmashoro.
A re Tautona o fetsa go laela kwa kgotleng kgolo ya ga-Mmangwato kwa Serowe ka Mopitlo a le masome a mabedi le boraro.
O kopile banni ba metse eo go baakanyetsa loeto lwa ga Tautona e bile e le kgosi ya bone le go supa gore ba berekile le ene e le mopalamente wa Serowe Bokone.
A re tiro e e batla batho botlhe go tsenya letsogo gore e tle e atlege. Rre Autlwetse a re ba tshwanetse go supa gore ba berekile le Tautona ka botswa pelo jaaka e ne e le moeteledipele yo o neng a kgathala ka matshelo a batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 10 Jan 2018






