Mokhanselara o tlhokafetse
10 Jan 2018
Mokhanselara wa Ralekgetho mo kgaolong ya Moshupa Rre Gofentseone Rakala o tlhokafetse kgwedi eno e tlhola malatsi a supa kwa sepateleng sa Sabata kwa Kanye.
Mokhanselara Rakala o tlhokafetse morago ga lobaka lo lotelele a ntse a lwala. Go ya ka modulasetilo wa kgaolo potlana ya Moshupa mokhanselara Sonny Phiri a re Rakala o tlhokile go tsoga ngogola.
Mokhanselara Phiri a re e ne ya re ka phuthego ya khansele ya kgwedi ya Lwetse a supa fa a sa tsoga fela thata mme a mo okisa gore ba felele ba ile go bona ba botsogo kwa Mmaseetsele kwa Moshupa.
A re go simolola ka lone letsatsi leo mokhanselara Rakala o ne a simolola go fiwa thuso, a bo a kopiwa go tla gape mo letsatsing le le latelang gore a tle a dirwe ditlhatlhobo tse dingwe.
Mokhanselara Phiri a re o ne a tlhoka thuso ya ga mokhanselara Rakala magareng ga kgwedi ya Morule e le lesome le bofera bongwe le e le masome a mabedi le botlhano ka jaana e ne e le modulasetilo wa komiti ya banalebogole.
A re ka nako eo megala ya ga mokhanselara Rakala e ne e sa tsene mme ka a ne a itse fa e le motho yo o bokowa a akanya gore gongwe ga a tsoga ka jalo a buwa le mongwe wa bagolwane ba khansele yo le ene a neng a supa fa megala e seo mo phefong.
Mokhanselara Phiri a re go utlwala fa a ne a supa fa a sa tsoga thata kgwedi ya Morule e le masome a mabedi le bosupa mo a neng a felela a tabogeseditswe kwa sepateleng sa Sabata kwa Kanye kwa a tlhokafaletseng teng maitsebowa a Sontaga.
O supile fa mokhanselara Rakala e ne e le motho yo o ratang tiro ya gagwe a bile a le tlhaga a re le mo dinakong tse di thata tsa a lwala o ne a ntse a tla tirong fela.
Mokhanselara Phiri a re ba lebogetse go bo ba kile ba bereka le mokhanselara Rakala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : MOSHUPA
Event : Tatolo
Date : 10 Jan 2018






