Kesupile o rotloetsa tiriso ya madi
10 Jan 2018
Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile o rotloeditse banni ba kgaolo ya gagwe ya Nyorosi Botlhaba go dirisa lenaneo la LG 1109, la madi a P10 million go tlhabolola kgaolo ya bone ka botswapelo.
O buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla mo Kanye ko kgotlaneng ya Nyorosi botlhaba bosheng.
O ne a lekodisa kgaolo ya gagwe ka ditlhabololo le go tsaya megopolo go isa ko palementeng e e tlang ya kgaoganyo madi kgwedi e e tlang.
O boletse fa madi a P10 million a a fiwang dikgaolo ka go farologana a tlaa ntshiwa ngwaga le ngwaga mme ke matshwanedi gore dikgaolwana di seka tsa salela ko morago mme di dirise madi ao ka botlalo go tlhabolola dikgaolwana tsa bone.
Rre Kesupile o ne a bolela fa a swabile nko go feta molomo go bona ba Nyorosi botlhaba ba santse ba saletse morago mo go diriseng madi ao le mororo dikgaolwana tse dingwe di tsweletse pele.
O boletse fa maikaelelo a puso go ntsha madi ao e le go nonotsha dikonteraka tsa mo gae le batho go tsenya letsogo go iphira le go hira beng ka bone.
O boletse gore go tshwanetse go hirwa Batswana mo gae gore le bone ba ikinole mo lehumeng go na le go tsaya dikhamphane tsa batswakwa.
Mo dikgannyeng tse dingwe o buile ka molao kakanyetso wa Matimela o o tlaa buisanngwang ke palamente, a bolela gore khansele e tlaa fiwa boikarabelo ja matimela.
Ba a phuthe mme ba duedise beng ba one fa ba tsile go a golola.
Rre Kesupile o boletse fa go tlaa nna le diofisi tsa matimela le babereki ba teng.
Matimela a tlaa phuthelwa golo go le gongwe mme batho ba tlaa fiwa malatsi a matlhano go tla go tsaya leruo la bone, mme e re morago ga malatsi a le lesome le bone a tlaa bo a ka rekisiwa ka palabalo.
O boletse fa gape fa leruo le le lwalang kgotsa le tsenwa le tlaa bolawa morago ga therisano le ba tlhatlhobo ya leruo mme morui a itsisiwe.
O boletse fa dikgomo tse dingwe di tlaa rekisiwa ko BMC.
O boletse fa yo o tlaa kgoreletsang baphuthi ba Matimela mo go phutheng matimela ba tlaa tseelwa dkgato tse di gagametseng.
Ba tlaa lefisiwa P1000 kgotsa dikgwedi tse di lesome le bobedi mo kgolegelong.
Fa ba akgela banni ba ne ba ngongoregela molao kakanyetso oo, ba bolela fa o tlaa bo o ba patika.
Ba boletse fa ditshipi tsa dikgomo tsa bone di itsiwe ba tswanetse go leletswa go tla go tsaya leruo la bone.
Mo go tse dingwe mothusa mapodisi a Kanye Assistant Superintendent Mogogi Mathaba o boletse fa borukutlhi ja dipetelelo bo golela pele mme bo diragala morago ga maitiso go tswalwa kwa dibareng.
O boletse fa basimanyana ba ba ntseng ba tlhorontsha mo Kanye ba ipitsa Matsetsenkane ba tla bokhutlong ka gore thupa jaanong e lelela boatleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 10 Jan 2018






