Mosadi o fitlhetswe a tlhokafetse ko Kanye
10 Jan 2018
Mogolwane wa mapodisi a Sejelo mo Kanye, Superintendent Sello Ntwaagae a re mapodisi a gagwe a mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mararo wa kgotla ya ga Taukobong mo Kanye.
Supt. Ntwaagae o buile se mo potsolosong le BOPA bosheng, a tlhalosa fa erile bosheng mapodisi a Sejelo a begelwa ke mongwe ka loso lwa mme yoo, a tlhalosa fa mme mongwe a rapaletse mo teng ga ntlo mme go lebega a tlhokafetse, ko kgotleng yoo Motebejana.
Supt. Ntwaagae a re mapodisi a ne a tsibogela kgang eo mme ba fitlhela e le nnete mme yoo a rapaletse fa fatshe, go lebega a tlhabilwe ka sengwe se se bogale, a re ba sepodisi ba ne ba mo ragosetsa ko kokelong ya Sabata mo Kanye mme teng ba bongaka ba rurifatsa fa a tlhokafetse.
Supt. Ntwaagage a re erile fela mo go one moso oo mapodisi a begelwa fa monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bone a fitlhetswe a ikgapetse botshelo, a re monna yoo ke wa kgotla ya Kaboyamodisa ko Lotlhakane botlhaba yo go belaelwang e le ene a bolaileng mme yoo mme morago a ipolaya, ebile gape go na le dipelaelo tsa gore ke ene a neng a bolelela motho mongwe yo o neng a begela mapodisi ka tiragalo eo, gore o bolaile mme yoo, yo go belaelwang a ne a ratana le ene.
Supt. Ntwaagae a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse mabapi le tiragalo eo fa baswi bone ba le ko setsidifatsing go tla ba tlhatlhobiwa ke ngaka.
E ntse ele mo Kanye, motshwarelela mogolwane wa Mapodisi a Kanye Assistant Superintendent Mogogi Mathaba le ene o tlhaloseditse ba BOPA mo potsolosong gore ba sepodisi ga ba jesiwe di welang ke dikgang tsa petelelo, le go dirisiwa ga bana ba bannye mo go tsa tlhakanelo dikobo selo se a tlhalositseng fa se se ka fa molaong.
O tlhalositse fa erile mo bekeng e e fetileng monna mongwe wa dingwaga tse di lesome le motso a betelela mosetsanyana wa dingwaga tse thataro, mme ebile go utlwala fa monna yoo a sa itekanela sentle mo tlhaloganyong.
Assistant Supt. Mathaba o tlhalositse gore e ntse e le dikgang tse di amang tlhakanelo dikobo, e rile bosheng rre mongwe a ne a itseela dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng wa dingwaga tse di lesome le bone, ko motseng wa Lotlhakane botlhaba, a re mmelaelwa o tshwerwe, mme o thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso.
Assistant Supt. Mathaba a re monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi le ene erile bosheng a betelela mosetsanyana wa dingwaga tse di lesome botlhe e le ba kgotla ya Kebuang mo Kanye, a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse mabapi le ditiragalo tseo.
Assistant Supt. Mathaba o tlhalositse gore e ntse e le dikgang tsa petelelo, rre mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi o ne a itseela dikobo ka dikgoka mo go mme mongwe wa dingwaga tse di lesome le bofera bongwe botlhe e le ba motse wa Ga Segwagwa mme ebile ba ne ba nna mmogo mo lelwapeng le le lengwe bosheng mme ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse.
Mogolwane wa mapodisi a Moshupa Assistant Superintendent Oteng Ngada ene o tlhalositse fa rre mongwe wa dingwaga tse di masome a supa le motso a ne a thulwa ke koloi ka Tshipi mme a tlhokafala gone foo a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse mabapi le tiragalo eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 10 Jan 2018






