Breaking News

Ba rotloediwa go tsaya thuto ka tlhwoafalo

10 Jan 2018

Mopalamente wa kgaolo ya Ngami, Rre Thato Kwerepe o gwetlhile banni ba Somelo mo kgaolong ya gagwe go rotloetsa thuto ya bana ba bone gore bana bao ba tsoge e le bangwe mo setshabeng ba bereka ditiro tse di rileng.

Rre Kwerepe o buile seo ka Mosupologo fa a ne a buisa phuthego kwa Somelo a lekola batho ba kgaolo ya gagwe ya botlhophi.

O ne a gakolola batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone.

O ne a re go utlwisa botlhoko go bo bana ba sekole sa motse oo ba tlwaelesegile ka go tlogela sekole ba nna mo lwapeng ebile a re bana ba ka se tswe ka maduo a a itumedisang ntleng le thotloetso ya batsadi.

Rre Kwerepe o ne a re thuto ke yone e e ka nyeletsang lehuma gotlhelele mo matshelong a bone.

Mogokgo wa sekole sa Kheeoseo Mme Keabonye Maoto o ne a lekodisa mopalamente Kwerepe fa maduo a sekole seo a lekwalo la bosupa a ngwaga o o fetileng a wetse tlase ka selekanyo sa masome a mabedi mo lekgolong. 

Mme Maoto o ne a re o maswabi go bo bana ba sekole seo ba dira sentle mo dithutong tse di ko tlase mme maduo a wele tlase ba le mo lekwalong la bosupa.

Le fa go ntse jalo o ne a re dikgwetlho dingwe ke letlhoko la motlakase mo motseng mo go dirang gore didirisiwa tse di tshwanang le tse di ntsifatsang dipampiri di se dirisiwe.

O ne a re mafaratlhatlha a a dirisang motlakase wa letsatsi a a teng mo sekoleng a bokoa mme ba sale ba solofeditswe go fiwa mafaratlhatlha a a dirisang motlakase wa letsatsi ka 2014 a a ka kgonang go dira ditiro tse di farologanyeng. 

Rre Kwerepe o ne gape a kgothatsa barutabana bao gore ba itshokele diemo tsa kgaolo eo ka ba rutetswe go emelelana le dikgwetlho le diemo tse di farologanyeng.

O ne a re tshwaragano ya bone e le barutabana ke yone e ka ba thusang go atlega mo go tokafatseng maduo a sekole seo.

Kgosi Mokhutshwane Komee wa Somelo le ene o ne a gakolola batho ba motse wa gagwe go dirisa mananeo a puso sentle le go ithuta go ipelega le go ithusa eseng go baya mo dithusong tsa khansele ka dinako tsotlhe.

Kgosi Komee o ne a rotloetsa gore bana ba tsee sekole ka tlhwaafalo, a re ba ba sa dirang sentle ba rotloetsege go baakanya maduo a bone a mophato wa boraro le botlhano gore ba kgone go ya ko bommadikolo le dithuto tse dingwe tse di ko godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : SOMELO

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 10 Jan 2018