Boora Kelefile ba a ipatlisisa
09 Jan 2018
E re ka Motswana a rile tshika go ya baneng e a kgaoga Barolong Boora Kelefile go tswa mo Botswana mo kgaolong ya Kgalagadi le Afrika Borwa ka malatsi a boitapoloso ba ne ba phuthaganela kwa motseng wa Tsabong go itsaya ka motlhala kwa ba simologileng teng le kwa ba yang teng e le losika.
Fa a bua kwa moletlong oo, Rre Ketshogile Boitheko go tswa Afrika Borwa o ne a tlhalosa fa ba ne ba simolola bokopano joo ka ngwaga wa 1996 kwa Ganyesa morago ga gore ba ikgakologelwe le go lemoga fa ba na le masika mo Botswana mme ba sa itsane.
Rre Boitheko o boletse fa bokopano joo bo atlega ebile bo gola ngwaga le ngwaga a kaya fa ngwaga ono ba na le dingwaga tse di lesome le bongwe moletlo oo wa go ipela ba rutana losika o ntse o le teng.
A re go ya pele ba eletsa gore ba bo ba kgone go tsena motse le motsana kwa Afrika Borwa le Botswana go tlhomamisa gore losika lotlhe lo itse ka bokopano joo bogolo jang le gone go okela banana mo bokopanong joo ka seo se ka thusa mo go tlhaloganyeng losika mo go tseneletseng.
Mme Remember Kelefile fa a bua maikaelelo a letsatsi leo o tlhalositse fa mo ngwageng o o tlang ba tla laletsa Barolong go tswa mo dikgaolong tse di farologanyeng mo lefatsheng leno go tla go rutana ka tsa ngwao ya bone.
A re go botlhokwa gore ngwao ya bone e tsosolosiwe ka jaana bangwe e setse e ba latlhegela.
Mme Kelefile o ne a bolela fa ngwaga ono tshologelo e le e e kwa godimo thata fa a e bapisa le ya dingwaga tse di fetileng a kaya fa palo ya Barolong ba ba tswang kwa Afrika Borwa e feta lekgolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Catherine Simane
Location : TSABONG
Event : Moletlo
Date : 09 Jan 2018






