Ba lwantsha borukutlhi ka metlhale e mentsi
09 Jan 2018
Ramapodisi a Tshane, Superitendent Vusimusi Jorowe a re ba kwadisitse melato e le metlhano mo letsatsing la ngwaga o mosha.
Superintendent Jorowe a re ba ne ba sale ba nnile malala a laotswe fa kgwedi ya Sedimonthole e simologa.
O boletse se mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, a re ba kwadisitse molato wa go itseela dikobo ka dikgoka o le mongwe fela, o a tlhalositseng fa ba ne ba begelwa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mabedi le borataro a thubeditsweng ke monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano.
A re monna yoo o ne a tshwarwa ka lone letsatsi leo mme o santse a le mo diatleng tsa mapodisi go letela letsatsi la tsheko.
Melato e mengwe, ke ya go kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo a re mo go yone, ba tshwere bakgweetsi ba le babedi, mme mo go wa go sa diriseng lebante la itshireletso ba tshwere bakgweetsi ba le bararo, fa mo go wa go kgweetsa go sena setlankana ba tshwere mokgweetsi a le mongwe fela le dikoloi di le nne tse di neng di sa itekanela go ka dirisiwa.
Rre Jorowe a re ba nnile le kgang e nngwe ya go lwa mo seterateng, a tlhalosa fa ba ne ba tshwara bana ba motho ba lwa mo seterateng kwa motsaneng wa Zutshwa.
A re mongwe mo go bo rre bao, o ne a bona dikgobalo tse di potlana ebile o a sidilega go tswa mo dikgobalong tseo.
Ramapodisi a re bobedi joo, bo tlaa lebisiwa molato wa go lwela mo seterateng ka go dira jalo e le molato.
E rile a ntsha kgakololo, Rre Jorowe, one a tlhagisa bomme go emisa go tsamaya bosigo ba le nosi a re selo seo seka tsenya matshelo a bone mo diphatseng di tshwana le go betelelwa.
Gape o kopile batsadi go ela bana ba bone tlhoko mo nakong eno, e ka yone go bapalwang moretlwa, a re gantsi batho ba timela ka yone nako e.
O gakolotse babapadi ba moretlwa go ikela tlhoko mo digagabing di tshwana le dinoga le diphepheng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mercy Molatole
Location : TSHANE
Event : Potsolotso
Date : 09 Jan 2018






