Baithuti ba pele ba Matsha ba gopola balwetsi
09 Jan 2018
E rile fa bangwe ba le mo mherehereng wa go ipelela keresemose le ngwaga o mosha, setlhopha sa baithuti ba pele ba sekole se segolwane sa Matsha College kwa Kang ba ba feditseng ka ngwaga wa 1994 ebile ba tlholega mo kgaolong ya Kgalagdi Borwa bone ba gopola balwetsi ba ba robaditsweng mo sepateleng sa Tsabong ka go ba abela dimpho.
Erile a aba dimpho tseo Rre Patrick Oats a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go supa lorato le boutlwelobotlhoko mo go bone.
Rre Oats o tlhalositse fa setlhopha seo sa batho ba le lesome le boferabobedi ka palo se ne sa tswa ka mogopolo wa go direla setshaba sengwe sa bopelotlhomogi ka malatsi a go ipelela botsalo jwa morena le ngwaga o mosha.
O kaile fa malatsi a boitapoloso e le malatsi a ba masika le ditsala ba kopanang ka one go keteka malatsi a boitapoloso a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha ba le mmogo ka jalo balwetse ba ba leng mo sepateleng bone ba sa bone sebaka seo mme ke sone se se neng sa ama boteng jwa dipelo tsa bone sa ba sa ba gwetlha go dira sengwe.
Rre Oats yo e leng moeteledipele mo setlhopeng se o boletse fa ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go ntsha P200 go tswa mo dipateng tsa bone mme ba kokoanya madi a a kanang ka P3600 a e leng one a ba kgontshitseng go abela balwetse bao ba le masome a mabedi le boraro dimpho di akaretsa maungo,melora e e tlhapang, marache le melora ya meno (legano) mesangwana ya batsetsi, dintshwana tse di dirisiwang mo sepateleng le tse dingwe.
Rre Oats yo ebileng gape e le modiri go tswa mo lekalaneng la boipelego mo khanseleng ya Kgalagdi o boletse fa kabo dimpho eo e le tshimologo ya loeto la bone le ba sepatela sa Tsabong a kaya fa gape keletso ya bone e le gore palo ya bone e oketsege gore ba tle ba kgone go dira go le gontsi mo setshabeng.
Mokhanselara wa Tsabong Botlhaba Rre Nelson Motsewapuo fa a amogela dimpho tseo one a galaletsa thata baithuti ba pele ba sekole sa Matsha a kaya fa ba dirile tiro e ntle ya go abela balwetse mo sepateleng sa Tsabong.
Rre Motsewapuo o tlhalositse fa puso e ka seke e kgone e le nosi ka lebaka la letlhoko la madi.
Fa a leboga, modulasetilo wa komiti ya mokgatho wa Gopolang Balwetse mo sepateleng seo Rre Disang Kehupetse o ne a tswantshanya baithuti bao ba ba segofetseng ka go bereka mo maphateng a puso a a farologanyeng, le monna mongwe wa Baebele wa Mosamarea yo o neng a tlamela monna mongwe yo o neng a mo fitlhela a kgophaletse gaufi le tsela a ketikilwe ke dinokwane ebile a le gaufi le go swa.
Rre Kehupetse o tlhalositse fa maikaelelo a komiti ya Gopolang Balwetse e e tlhamilweng ke badiri ba sepetela seo ka ngwaga wa 2010 moono wa yone e le go tlhomamisa gore balwetse ba tlhokomelesega sentle ka dinako tsotlhe a kaya fa balwetse bangwe ba tswa kgakala mme ba masika ba ketefalelwa ke go ba lekola sentle ka fa ba ka eletsang ka teng.
Mookamedi wa baoki mo sepateleng seo Mme Selina Sethibang le ene o ne a lebogela dimpho tseo a kaya fa di tlaa tlisa pharologanyo le monyenyo mo balwetsing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kabo Ya Dimpho
Date : 09 Jan 2018






