Breaking News

Lobelo lwa dipitse lo ka nowa moro

08 Jan 2018

Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Justice Nkwane, a re dikgaisano tsa lobelo lwa dipitse tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga kwa Kokotsha di ka nowa moro ka di oka bajanala, ebile di tokafatsa dikgwebo tse dipotlana, go tlhamela banana ditiro le gone go tlosa banni bodutu bogolo jang ka malatsi a boitapoloso.

Rre Nkwane o buile mafoko a bosheng kwa motseng oo mo letsatsing la dikgaisano tsa lobelo lwa dipitse tse di eteletsweng pele ke banana ebile di oka thata barui go tswa dikgaolong tsa Gantsi, Kweneng le Kgalagadi.

Rre Nkwane o boletse fa dikgaisano tseo di le mosola ka di ka tlhamela bapalami ba dipitse mebereko ka ba ntsifala ngwaga le ngwaga gammogo le dipitse.

Moeteledipele mo lekgotleng la Botswana Horse Race Association Rre Tyman Kelebeng fa a bua maikaelelo a letsatsi leo o boletse fa e le go kokoanyetsa barui ba dipitse golo go le gongwe, go kwatabolotsa mo go bangwe ka bone ka tlhokomelo le bomosola jwa dipitse mo tokofatsong ya matshelo mo dikgaisanong tseo.

O boletse fa lekgotla leo le kwadisitswe semmuso le gore le akareditse barui ba dipitse lefatshe ka bophara mme a gwetlha barui go tswelela ba ikwadisa mo go lone.

Rre Kelebeng o boletse fa dikgaisano tsa dipitse di tshegetswa mo dikgaolong tse di farologanyeng mo lefatsheng leno ka jalo mo bogaufing ba tlaa dira molao-motheo o ka one ba tlaa laolang le go tsamaisa dikgaisano tseo.

O ne a tlhalosa fa gape lekgotla la bone le itebagantse le go rutuntsha le go tlhatlhelela bapalami ba dipitse ka fa di tshwanetseng go tshwarwa le go palangwa ka teng ka nako e di leng mo dikgaisanong go tila dikgobalo tse di ka bakwang ke bosenakitso.

Modulasetilo wa Kokotsha Community Horse Race Association Rre Kabo Medupe o tlhalositse fa dikgaisano tsa dipitse di gola le gore dipaakanyo di tsamaile sentle le ntswa tshologelo ya batho monongwaga e ne e se e e nametsang thata jaaka gale ka di tshwarwa gabedi ka ngwaga.

Rre Medupe o kaile fa ba ne ba solofetse dipitse di ka nna masome a fera bobedi le botlhano go tswa dikgaolong tse di farologanyeng mme go retetse ka mabaka a gore dipitse dingwe di ne tsa felela di gobetse mo dikoloing le go swa di ntse di le mo mosepeleng mme ga goroga di le masome a supa le metso fela.

Rre Medupe o ikuetse mo bagwebing le dikompone tse di farologanyeng go ba ema nokeng go tokafatsa le go godisa dikgaisano tseo ka ba sena madi a a lekaneng go baakanyetsa dikgaisano tseo le gone go duela bapalami ba dipitse tse di gaisitseng tse dingwe mo lobelong ka ba ikaegile fela ka madi a ikwadiso ya dipitse, metlaagana le a kwa kgorong.

Mme Baleseng Modise, mongwe wa bagwebi ba letsatsi leo, o supile fa dipoelo e ne e se tse di nametsang ka palo ya batho e ne e le kwa tlase fa go tshwantshwanngwa le tse di fetileng ka kgwedi ya Phukwi.

Dipitse di le masome a supa le borataro tsa mefuta e e akaretsang Thorough, Tswana le Cross breed di ne di iteisana borathana mo lobelong lo lo khutshwane lwa 100m go fitlha lo lo leele lwa 2400m.

Lobelo lwa makgaolakgang lwa 2400m lo ne lwa gapiwa ke pitse ya ga Rre Bakang Babeile go tswa kwa Draaihoek mme a atswiwa ka madi a a kanang ka P12 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KOKOTSHA

Event : Dikgaisano

Date : 08 Jan 2018