Mosadi o fitlhetswe a tlhokafetse
08 Jan 2018
Mapodisi a Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba a tlhotlhomisa loso lwa mme mongwe yo o fitlhetsweng mo ntlong ya gagwe, a rapaletse mo bodibeng jwa madi a tlhokafetse kwa Kalakamati.
Go ya ka motshwarelela mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Vincent Tebogo, tiragalo eo e diragetse mo mosong wa kgwedi ya Sedimonthole a le masome a mabedi le boferabobedi.
A re mme yoo o ne a bonwa ke ba lelwapa la gagwe ba sena go tlhodumela mo ntlong ya gagwe morago ga go tlhobaediwa ke go bona a sa bonale, mme ba begela mapodisi ka tiragalo eo.
Assistant Superintendent Tebogo a re moswi o ne a fitlhelwa a na le dintho tse go belaesegang go dirisitswe sengwe se se bogale mme a ragosediwa kwa sepateleng sa Masunga kwa go neng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.
Go tlhalosiwa fa mme yoo, yo o dingwaga tse di masome a mararo le bone a tlholega kwa kgotlaneng ya Majabane kwa Kalakamati.
Assistant Superintendent Tebogo o boletse fa ba santse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se bakile loso lwa mme yoo, a tlhalosa fa ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo.
A re maina a moswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsisiwe.
E re dikgang di eme jalo, Assistant Superintendent Tebogo o tlhalositse fa malatsi a keresemose le ngwaga o mosha a jelwe ka boitumelo mo tikologong ya bone, a re ga go a nna le ditiragalo tse di kalo tsa borukutlhi.
A re ba kwadisitse tiragalo e le nngwe kwa Masunga ya go thujwa ga ntlo go bo go utswiwa dithoto ka one malatsi ao, fa mong wa ntlo a ne a seyo, ka jalo a gakolola setshaba go nna ba tlogela mongwe a tlhomile leitlho fa ba tsaya maeto le gone go inaakanya le lenaneo la ntebele ke go lebele.
Assistant Superintendent Tebogo o tsweletse a tlhalosa fa bontsi jwa banni ba metse ya tikologo ya bone ba ne ba ipelela malatsi ao, ka go bogela dikgaisano tsa kgwele ya dinao, tse a boletseng fa di ne di babalesegile di sena dilabe dipe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Pego ya Sepodisi
Date : 08 Jan 2018






