Ba Kgalagadi ba akgolelwa boitshwaro
08 Jan 2018
Motshwarelela mookamela mapodisi a Kgalagadi Superintendent Segakolodi Gaerole, o akgoletse banni ba Tsabong le metse e e mabapi go itshwara sentle ka matsatsi a keresemose le ngwaga o mosha.
Superintendent a re o lebogela gore go ne go sena ditiragalo tse di fatlhang mo go kalo mo kgaolong ya gagwe.
Le fa go ntse jalo Superintendent Gaerole o boletse fa letsatsi pele ga la keresemose ba ne ba begelwa tiragalo e mo go yone monna mongwe a neng a bona dikgobalo tse di masisi mo tlhogong morago ga gore koloi e a neng a e kgweetsa e pitikologe.
Mme Gaerole o boletse fa kotsi eo e diragatse mo tseleng ya Tsabong/Omaweneno, mme monna yoo a ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone go alafelwa dikgobalo tseo.
A re ka lesego mopalami wa koloi eo ene o ne a falola ka bobi jwa segokgo ntleng le dikgobalo dipe.
Mme Gaerole o ne a kopa banni le setshaba ka kakaretso go tswelela ka boitshwaro joo go ya pele.
Kwa Bokspits, Assistant Superintendent Berman July le ene o supile fa kagiso e ne e rena kwa motseng oo le e e mabapi.
Assistant Superintendent July lefa go ntse jalo o boletse fa mapodisi ba gatisitse melato e sekae fela e akaretsa dititeo tse dipotlana, go kgweetsa motho a nole bojalwa, go kgweetsa dikoloi tse di sa itekanelang, go kgweetsa motho a sena teseletso le tiriso ya matlhapa mo kgaolong ya gagwe.
Bontsi jwa batho ba ne ba ile kwa dikerekeng fa bangwe ba ne ba itlosa bodutu ka metshameko ya kgwele ya dinao.
Kwa Middlepits, Inspector Mokwaledi Ntoka le ene a lebogetse gore go ne go sena ditiragalo dipe tse di maswe mo kgaolong ya gagwe.
O supile fa mapodisi a ne a dikologa metse e e gaufi le mo marekisetsong a majalwa le meraka mme sengwe le sengwe sa bo se apere tshiamo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : BOKSPITS
Event : Phuthego
Date : 08 Jan 2018






