Breaking News

Kgosi wa Bere o hulere

07 Jan 2018

Kgosi wa Bere mo kgaolong ya Ghanzi, Rre Kebonye Mangongorego o tlhokafetse morago ga go tsenwa ke bolwetsI mo sebakeng se se khutshwane.

E rile ba BOPA mo Ghanzi ba bua le mothusa mokwaledi wa lephata la makgotla a Setswana mo Ghanzi, Rre Dikaelo Serigi a re Kgosi Mangongorego o tlhokafetse kgwedi e e fetileng e le malatsi a a masome mararo le motso (Sedimonthole 31) kwa kokelong ya Letsholathebe Memorial kwa Maun, mme o tlaa bolokwa kgwedi eno e le lesome le boraro (Hirikgong 14) gone  kwa Bere.

Kgosi Mangongorego o tlogela mosadi le bana ba basetsana ba le bane ga mmogo le rragwe le mmaagwe.

Kgosi Mangongorego o tlhokafala a le dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe (49) mme o simolotse tiro ka 1998. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Potsolotso

Date : 07 Jan 2018