Ba kopilwe go tsosolosa ngwao
07 Jan 2018
Batswana ba kopilwe go tsosolosa ngwao.
Kopo e e dirilwe ke mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu fa a ne a bula semmuso letsatsi la dikgaisano tsa mmino wa Setswana le dipina tsa dinnoto kwa Tutume bosheng.
Rre Batshu a re Tautona wa pele, Sir Seretse Khama o rile setshaba se se senang ngwao ke moka se suleng, ka jalo se ba se dirang ke go ribolola ngwao.
O gwetlhile morotloetsi wa dikgaisano tseo, Rre Edward Totego go diragatsa toro ya gagwe le go bona ngwao e godile e dirile pharologanyo mo bathong.
O ne gape a leboga tshwaragano ya mekgatlho e e farologanyeng mo Tutume, a re tiro e ba e dirang e tona thata ka le ba ba santseng ba saletse kwa morago ba tlaa tsaya malebela mo go bone.
Fa a tswa la gagwe, Rre Totego a re ba simolotse dikgaisano tseo tsa mmino wa Setswana e le ditlhopha tsa kgotla ya Selolwane fela mme ya re ba ntse ba tsweletse ba bona go tshwanela go akaretsa ditlhopha tsa dikgotla tse dingwe tsa Tutume.
Rre Totego a re o ne a gwetlhilwe ke go bona batho ba latlhile dingwao tsa bone ba sia le dingwao tsa ditshaba di sele, selo se a kaileng fa se sa siama ka bana ba tshwanetse go kaelwa tsela le tsamaiso ya ngwao.
A re gape maikaelelo a gagwe e ne e le go bopaganya batho le go rotloetsa ngwao ya Sekalaka.
Rre Totego o rotloeditse dikgaisano tseo ka P20 000 fa Rre Ketan a ntshitse P10 000, Rre Justice Mojanaga a ntsha P5 000.
Mo kgaisanong ya mmino wa dipina tsa dinnoto, setlhopha sa Karana go tswa kwa kgotleng ya Selolwane se ne sa gapa maemo a ntlha se latelwa ke sa Tidimalo, maemo a boraro ya nna setlhopha sa Lembelekakwedamba.
Setlhopha sa Selolwane Traditional se ne sa gapa maemo a ntlha mo mminong wa Setswana wa Ndasula.
Bafenyi ba maemo a ntlha ba ne ba fiwa P2 500, a bobedi P2 000 fa a borararo e ne e le P1 500. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Dikgaisano
Date : 07 Jan 2018






