Breaking News

Tsayang kalafi ka tlhoafalo

07 Jan 2018

Mokhanselara wa pele wa Tsabong Borwa, Rre Sam Brooks o kgothaditse balwetsi go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana ka seo se ka thusa gore ba kgone go bona thuso a ise a kekele.

Rre Brooks o buile jalo bosheng ka letsatsi la go gopola balwetsi ba ba robaditsweng kwa kokelong ya Tsabong le go ba abela dimpho di akaretsa maungo, dinotsididi, digaugau le magapu tse di lopileng P1 333.

Rre Brooks a re go tsaya ditaelo tsa ba bongaka ka tlhoafalo go ka thusa gore melemo e kgone go bereka ka fa go tshwanetseng ka teng mme kwa phelelong motho a fole.

Rre Brooks a re go tlhabisa ditlhong gore mo nakong ya gompieno batho bangwe ba bo ba santse ba tlhokafala ka lebaka la HIV le AIDS ka ntlha ya go tlhoka go ikamogela le ntswa puso e tsibogetse bolwetse joo ka go simolodisa dipilisi tse di ritibatsang mogare.

Rre Brooks o ne a gwetlha batsadi le baeteledipele go gakolola bana ka go ba bontsha tsela ya nnete le gone go tlhomamisa gore ba tsaya kalafi ka fa go tshwanetseng.

O ne a tlhalosa fa a sale a itlhophetse go abela kokelo eo ka tshwaragano le ba komiti e e thusang balwetsi ka thapelo mo dingwageng tse di lesome le botlhano tse di fetileng ka lebaka la go supa mowa wa bopelotlhomogi le lorato mo balwetsing ka ba a bo ba sa ya go keteka letsatsi la keresemose le ngwaga o mosha le ba masika le ditsala tsa bone.

Moeteledipele mo kokelong eo, Dr Joseph Kadima fa a amogela baeng o ne a galaletsa Rre Brooks le ba lelapa la gagwe ka dimpho tse ba di abetseng balwetsi ba ba robaditsweng ba le lesome le borataro.

O kaile fa seo e le sesupo sa lorato.

Dr Kadima o ne a supa fa puso le yone e rotloetsa le go gwetlha mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go nna le mowa wa lorato wa go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka jaana e ka seke e kgone ka nosi.

Mongwe wa balwetsi ba ba robaditsweng, Mme Sana Jane o ne a supa monyenyo a bo a itumelela dimpho tseo a bo a iteela legofi boeteledipele, dingaka, baoki le badiri ba bangwe mo kokelong eo, a kaya fa ba le mo diatleng tse di siameng tsa batho ba ba nang le botho, lorato le tirisano mmogo.

Mo go tse dingwe, kgosana Keakabetse Mokate wa Maleshe o boletse fa letsatsi la ngwaga o mosha kwa motseng oo le amogetswe ka boitumelo le kagiso go sena sepe se se duleng mo tseleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Letsatsi la Go Gopola Balwetsi

Date : 07 Jan 2018