Breaking News

O bolaile mokapelo

04 Jan 2018

Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mane le bosupa le masome a matlhano wa Sesung a belaelwang a bolaile mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa Metsibotlhoko pele ga a ikgapela botshelo.

   Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse o tlhalositse fa ba begetswe tiragalo eo kgwedi eno e tlhola gabedi, a tlhalosa fa bangwe ba ne ba bega fa ba bona ntlo e shele mme ba belaela fa mongwe a shetse mo teng, a supa fa baboni ba tiragalo eo ba ne ba bona motlhala wa monna yoo, mme ba mo latisa go fitlha ba bona fa a ikaleditseng teng.

  Superintendent Katse o tlhalositse fa rre yoo a ne a ikaletsa sekgala sa dimmithara di le makgolo a a ferang bobedi go tswa fa lwapeng lwa mokapelo wa gagwe. 

O tlhalositse gape fa dipelaelo e le gore rre yoo o ne a bolaya mokapelo wa gagwe, a fisa ntlo a bo a ya go ikaletsa ka waere.

O boletse fa baratani bao, ba ne ba kile ba tlhoka kutlwisisanyo motshegare oo, kgwedi ya Hirikgong e rogwa, fa wa mme a ne a batla go fedisa lorato lwa bone, a tlhalosa gape fa mme yoo a ne a kgona go ya go tsaya dilwana tsa gagwe tse di neng di le kwa lwapeng lwa rre yoo.

Superintendent Katse o tlhalositse fa direpa di le kwa setsidifatsing go ya go rurifatsa se se ka tswang se bakile dintsho tsa bone.

O tlhalositse fa baratani ba ne ba na le sebaka sa dikgwedi tse pedi go ya go tse tharo ba ratana, a supa fa bana ba mme yoo, ba ne ba le kwa masimo ka nako ya tiragalo.

Superintendent Katse o supile gore ntle le moo, batho ba ne ba itshwere sentle fa ba amogela ngwaga o mosha.

O kopile Batswana gore ba ne ba senka lefelo le le phuthologileng jaaka lebala la metshameko fa ba batla go ipelela ngwaga o mosha, go na le go batla go nna kwa dibareng mme di tswetswe.

Mo go tse dingwe, Superintendent Katse o tlhalositse fa ba tshegeditse banna ba le babedi ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bosupa le masome a mararo ba Molepelole ka mophuthelwane o go belaesegang e le motokwane.

O boletse gape fa borre bao, ba tshwerwe kwa Letlhakeng, a tlhalosa fa yo mongwe a tsena sekole kwa New Era, fa yo mongwe a sa dire gope. 

O tlhalositse fa ba belaela fa borre bao ba gweba ka motokwane, ka go supagala fa ba kile ba boa kwa Ditshegwane.

O tlhalositse fa setlhatshana seo se ka lopa madi a P5 400. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Posolotso

Date : 04 Jan 2018