Breaking News

Mokgweetsi o tsenye ka lenga la seloko

04 Jan 2018

Mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa wa Tshesebe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o ne a tlhokafalela gone foo morago ga go thulwa ke koloi mo tseleng ya A1 ya Francistown/Ramokgwebana.

Mo potsolotsong le BOPA ka Hirikgong 3, mookamela mapodisi a pharakano a kampa ya Tshesebe, Assistant Superintendent Otlaadisa Mogotsi o boletse fa tiragalo eo, e diragetse ka letsatsi la keresemose ka nako ya botlhano mo mosong mme mokgweetsi o ne a tsena ka lenga la seloko.

A re moswi o ne a na le ba bangwe ba tswa maitisong kwa kwaring ya Tshesebe mme ene le yo mongwe ba atamela kwa tseleng ba leka go kopa mosepele mo dikoloin, a supa fa go sena ope yo o neng a lemoga dinomoro tsa koloi eo. 

Assistant Superintendent Mogotsi o tlhalositse fa ba le mo patlong ya mokgweetsi yo go belaelwang a ne a kgweetsa koloi ya modiro wa Mazda Demeo e e mmala o o silver grey, ka jalo a kopa setshaba go loma mapodisi tsebe tebang le koloi epe fela e ba ka tswang ba belaela e amega mo kotsing eo. 

Rre Mogotsi a re e re ka jaana koloi eo e ne e ya ntlheng ya Francistown, e ka tswa e isitswe kwa mafelong a go baakangwang dikoloi a a mo Francistonwn kgotsa mafelo a a mabapi, ka moo a ikuela mo go ba ba baakanyang dikoloi  go ba tsibosa fa ba ka tswa ba amogetse kana ba ka amogela koloi e ba belaelang e ka tswa e dirile tiragalo e e masisi e.

Assistant Superintendent Mogotsi o kopa ba ba mo dikgwebong tsa go baakanya dikoloi go nna ba sekaseka se se ka tswang se bakile tshenyo mo koloing pele ba e baakanya, mme e re ba na le dipelaelo dingwe ba lome mapodisi tsebe nako e sale teng. 

A re ba na le dipelaelo tsa gore koloi eo, e ka tswa e senyegile mo lotlhakoreng lwa molema, a supa fa ba ne ba sela dikgapetlana dingwe tsa koloi eo kwa lefelong la tiragalo, tse a supileng fa di tlaa ba thusa gore e re ba sena go longwa tsebe ka koloi nngwe, ba dire ditlhatlhobo ka tsone go bona gore a di nyalana le koloi eo.

E re dikgang di eme jalo, mapodisi a Tshesebe a tlhotlhomisa tiragalo e nngwe e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome matlhano le bone wa Themashanga a neng a tlhokafala fa koloi e a neng a e palame ya modiro wa Toyota Mark 2 e ne ya thulwa ke bese mo tseleng ya Francistown/Ramokgwebana, fa e ne e leka go fapogela kwa Themashanga, e ntse e le ka letsatsi la botsalo jwa Morena.

Assistant Superintendent Mogotsi a re bese eo, e go supagetseng e ne e tswa Zimbabwe e ya Gaborone mme e pegile bapalami ba fera bobedi, di ne di tlhomagane le koloi eo ya Toyota Mark 2, e yone e neng e na le bapalami ba le batlhano,

A re bapalami ba le bararo ba koloi ya Toyota Mark 2 e leng monna wa dingwaga tse di masome matlhano le motso le basadi ba dingwaga tse di magareng ga masome a mane le masome a mane le bone ba santse ba robaditswe kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown morago ga go bona dikgobalo tse di masisi.

Mopalami a le mongwe o ne a alafiwa a gololwa ka lone letsatsi leo, fa mo beseng gone mopalami a le mongwe a ne a bona dikgobalo tse di potlana mme a alafiwa a gololwa gone foo.

Ditlhotlhomiso tsa mapodisi mabapi le dikotsi tseo di tsweletse mme baswi ba bolokilwe kwa Tshesebe le Themashanga Sedimonthole a le masome mararo le motso.

Go sa le foo, Assistant Superintendent Mogotsi a re ntleng le ditiragalo tseo, boitshwaro e ne e le jo bo amogelesegang mo metseng e e welang ka fa tlase ga kampa ya bone, a supa fa banni ba metse eo ba ne ba itshwere sentle fa ba amogela ngwaga o mosha.

A re le ba dikgwebo tsa bojalwa ba ne ba obamela dinako tsa go bulwa le go tsalwa ga marekisetso a bojalwa, fa ese ba le ba bedi fela ba ba neng ba lebisiwa molato wa go itlhokomolosa dinako tse di letlelesegang kwa Themashanga le Tsamaya. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Tsheshebe

Event : Interview

Date : 04 Jan 2018