Mapodisi a kwadisitse melato
03 Jan 2018
Mapodisi a Letlhakeng a kwadisitse melato e e farologanyeng e le lesome le borobabongwe mo kgaolong ka malatsi a keresemose. E rile a lekodisa ba BOPA, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse, a tlhalosa fa ba kwadisitse molato wa go tlhakanela dikobo le ngwana wa dingwaga tse di ka fa tlase ga tse di lesome le borataro.
O tlhalositse fa ba kwadisitse molato wa go tlhajwa ka thipa kwa maitisong, wa dikgobalo tse dipotlana o le mongwe, melato ya titeo e le meraro, molato wa go leletsa diletso kwa godimo o le mongwe le ya go lwa mo seterateng e le mebedi.
Superintendet Katse o tlhalositse gape fa ba kwadisitse melato ya go itsaya ka maitseo a a makgasa mo setshabeng e le meraro le melato ya go nwa mo seterateng e supa.
O boletse gape gore go ne ga nna le dikotsi di le thataro mme ga nna dikgobalo tse dikgolwane tse pedi, a tlhalosa fa bapagami ba dikoloi tse ba le babedi ba robaditswe kwa dipateleng tsa Scottish Livingstone kwa Molepolole le kwa Princess Marina kwa Gaborone.
O boletse gape fa ba kwadisitse kgang ya go utswiwa ga koloi ya lephata la thuto, e go ya ka ditlhatlhomiso go supagalang e nyeletse mo gare ga kgwedi eno e le masome mabedi le bobedi le masome a mabedi le boraro.Superintendent Katse o boletse fa mokgweetsi wa koloi eo a begile tiragalo eo ka Laboraro kgwedi eno e le masome mabedi le bosupa, a sena go e tlhoka fa a theogela. Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse.
Superintendent Katse o supile gore ntle le tseo, maitshwaro a go ipelela malatsi e Keresemose e ne e le a a siameng, a supa fa bana ba Letlhakeng ba ba berekelang kwa dikgaolong tse dingwe ba ne ba tsile gae.
O ne a fa kgakololo ya gore batho ba itshware sentle mo ngwageng o mosha, a supa fa ba sepodisi ba thusiwa ke ba sesole ba tsweletse go lebelela seemo. O ne a eleletsa botlhe masego le matlhogonolo a ngwaga o mosha. BOPA
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : POTSOLOTSO
Date : 03 Jan 2018






