Breaking News

Monna wa Maun o ikgapetse botshelo

28 Dec 2017

Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa tiragalo ya loso lwa monna yo o ikgapetseng botshelo wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro wa Matlapana.


Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Maun Superintendent Motlhaba Ramabya o ne a tlhalosa fa monna yoo a ikgapetse botshelo letsatsi pele ga go ketekiwa letsatsi la keresemose.


Superintendent Ramabya o supile fa monna yoo a sa tlogela molaetsa mabapi le go ikgapela botshelo.


Le fa go ntse jalo Superintendent Ramabya o tlhalositse fa malatsi a keresemose a ketekilwe sentle mo Maun ka ba sepodisi ba nnile le dikgang tse e seng tsa sepe tsa borukutlhi.


O tlhalositse fa go begilwe dikgang tsa go lwa le go baka dikgobalo di se kae fela letsatsi pele ga keresemose mme go begilwe dikgang tse pedi tsa go gobatsa ka lone letsatsi la keresemose.


Ka jalo o boletse fa seo se supa fa keresemose e jelwe sentle gape dipalo tsa batho di ne di fokotsegile thata mo Maun ka bangwe ba jetse keresemose kwa merakeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : POTSOLOTSO

Date : 28 Dec 2017