Kokelo ya Letsholathebe e segofaditswe ka masea a roba bobedi
28 Dec 2017
Sepatela sa segolwane sa Letsholathebe mo Maun se segofaditswe ka masea a fera bobedi ka keresemose, basimane ba le bararo le basetsana ba le batlhano.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, mmelegisi kwa sepateleng seo, Mme Moatswi Bohedile o tlhalositse fa bana ba le batlhano e le ba batsadi ba ba tswang mo Maun, a le mongwe e le wa Gweta mme ba le babedi e le ba ba tswang kwa Kareng.
O supile fa ngwana wa ntlha go belegwa e le mosimane yo o belegweng ka metsotso e metlhano morago ga nako ya bone mo mosong a le bokete jwa 2,7kg. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN -
Event : POTSOLOTSO
Date : 28 Dec 2017
Related News
02 Apr 2026
Barutabana ba Borwa ba ipelela phenyo
01 Apr 2026
Sekole se tlaa bulwa
01 Apr 2026
Ipabaleleng tseleng
31 Mar 2026
Ba Tsabong ba rapelela ditsela
31 Mar 2026






