Mopalamente o akgola badiri
28 Dec 2017
Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe o akgotse babereki ba kokelwana ya Mmatshumo go bo ba tsentse letsogo mo go thuseng batho ba ba tlhokileng lesego.
Mopalamente Lelatisitswe o dirile kakgolo e fa a rola matlwana a boitiketso a le mabedi a a agilweng ke babereki ba kokelwana eo kwa Mmatshumo ka Labobedi.
A re babereki ba ba arabile mokgosi wa ga Tautona wa go thusa ba ba tlhokileng lesego, a tlhalosa fa se gape se supa fa ba kgathala ka setshaba se ba direlang mo go sone.
Rre Lelatisitswe a re o dumela gore matlwana a boitiketso a tlaa fa ba ba abetsweng seriti gammogo le go ba thusa thata ka jaana e le bagodi ba ba setseng ba palelwa.
E rile a tlhalosa moono le maikaelelo a bone, mogolwane wa kokelwwana ya Mmatshumo Rre Eric Sigweni a tlhalosa fa ba dule ka moono o ka 2014.
Rre Sigweni a re ba ne ba gwetlhilwe ke letlhoko la setshaba se ba direlang mo go sone mme ba dumalana ka bongwefela jwa pelo gore ba kgobokanye madinyana a ka one ba ka kgonang go ba thusa.
O boletse fa ba setse ba agile matlwana a le mararo go akaretsa le one a a neng a ajwa. Rre Sigweni a re go santse go na le letlhoko le lentsi ka jaana lesome le botlhano mo lekgolong la banni ba Mmatshumo ba sena matlwana a boitiketso.
A re seemo se maswe ka gore se kgotlela tikologo e bile se ama leruo.
E rile a lebogela mpho, Rre Gokatweng Masole yo o latlhegetsweng ke pono le kutlo a supa gore le fa a thusitswe ka ntlwana o santse a na le letlhoko ka jaana a sena ntlo ya boroko e e siameng.
E rile a ba leboga K Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa motse oo a re tiro e ba e dirileng e e supa fa ba na le kutlwelo botlhoko mo setshabeng e bile ba batla go tlhabolola matshelo a batho.
Kgosi Phetsogang o ne a ba kgothatsa gore ba tshwelele ka mowa o wa bone wa go thusa morafe o ba o direlang.
A re ba seka ba nyatsa se ba se dirang. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MMATSHUMO
Event : Kabo dimpho
Date : 28 Dec 2017






