Ba dipitse bonang ba dinao
21 Dec 2017
Molaodi wa Ghanzi, Rre Loeto Porati a re go botlhokwa go thusa ba ba tlhokileng lesego ka go ba abela dimpho ka malatsi a botsalo jwa Morena.
Molaodi o ntshitse mafoko ao fa kereke ya Eloyi e abela batlhoki dimpho tse di akaretsang dijo le diaparo. Rre Porati a re ba Modimo ba bonwa ka ditiro.
Molaodi a re dimpho tseo di tsile ka nako e e siameng ka gore ba tsile go ipelela keresemose ba itumetse. A re dimpho tsa malatsi a botsalo jwa Morena di botlhokwa fela thata go na le tse di ajwang fa gare ga ngwaga.
Rre Porati a re kabo ya dimpho e rotloetsa maloko a kereke go rata ba bangwe e bile e supa fa kereke eo e na le tebelopele mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Molaodi a re dikereke di tshwanetse go nna sekao mo go sa direng ditiro tse di ka ba tlhobosang, mme e bile ba thswanetse go direla sengwe le sngwe mo pontsheng.
Rre Porati o rotloeditse dikereke go tsenya banana mo boeteledipeleng jwa dikereke ka gore banana ba santse ba na le tebelopele e ntsi go bona gore ba ka tlhabolola jang dikereke go lebeletswe ditlhabololo tsa segompieno.
Molaodi o kopile baeteledipele ba dikereke go ngokela maloko a banana mo dikrekeng gore ba tle go ithuta ka lefoko la Modimo le boitshwaro jo bo siameng.
E rile moruti wa Eloyi mo Ghanzi, Rre Gabaemelwe Ntsebele a ntsha maikaelelo a bone a letsatsi leo a tlhalosa fa ba bona go le botlhokwa go thusa ba ba tlhokileng lesgo ka go ba abela dimpho ka malatsi a botsalo jwa Morena.
Moruti Ntsebele a re ngwaga le ngwaga mo kerekeng ba abelana dilwana e le maloko mme ngwaga ono ba tswa ka mogopolo wa gore ba thuse batlhoki, ka jalo ba simolola ka go kokotletsa madi go reka dimpho tseo.
Moruti Ntsebele a re ba dira jalo go rotloetsa mowa wa neelano mo malokong a kereke . A re maloko a tshwanetse go itse gore go na le bangwe ba ba tshwanetseng go thusiwa ka dinako tsotlhe.
Moruti Ntsebele o ne a kopa dikereke tse dingwe le tsone go thusa ba ba tlhokileng lesego. A re tiro eo ba tsile go e dira ngwaga le ngwaga.
Mo dikgannyeng tse dingwe ba lephata la tlhabololo Banana Metshameko le Ngwao ba ne ba abela molwetse yo o lwalang tlhaloganyo dimpho tse di akaretsang dijo le diaparo.
E rile mothusa moalodi, Rre William Keareng a bua ka letsatsi le a tlhalosa fa kgaolo ya Ghanzi e le nngwe ya dikgaolo tse di nang le batlhoki ba ba ntseng jalo, dimho tseo di tsile ka nako e e maleba.
Mothusa Molaodi o ne a tlhalosa fa puso e itlamile gore e ya go lwantsha lehuma, mme ga se gore puso e ka kgona ele nosi.
A re morafe le maphata a puso a tshwanetse go tshwaraganela tiro ya go lwantsha lehuma le puso jaaka ba setse ba tsweletse ka go abela ba ba batlhokileng lesego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Kabo Dimpho
Date : 21 Dec 2017






