Mapodisi ba abela ba Maboane
21 Dec 2017
Mapodisi a Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ne ba diretse bagolo le batlhoki ba Maboane dijo tsa motshegare.
E rile a amogela baeng, Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane, a galaletsa mapodisi ka tiro e ntle e ba e dirileng, a supa fa tiro e e ba gwetlha e le morafe wa Maboane gore le bone ba ithute mo go se mapodisi ba se dirileng.
Kgosi Phuthego o supile gape fa ba itumelela tiro e ntle e e tsweletseng e dirwa ke mapodisi a lefatshe leno, a supa fa ba sa itebaganye le go lwantsha borukutlhi fela mme ba tsisa monyenyo mo setshabeng.
O tlhalositse fa tlhokomelo ya bana e le kwa tlase mo batsading, a supa fa bangwe ba seke ba tla malatsing a boitapoloso go ya go tlhola batsadi, a bo a ba lemotsha gore ba gaisitswe ke mapodisi.
Mookamela mapodisi a Takatokwane, Superintendent Ocean Maraganyane, o ne a tlhalosa fa ba bonye go le botoka gore e re ngwaga le ngwaga ba direle bagolo dijo tsa motshegare, a supa fa ba simolotse kwa Takatokwane ka 2015, mme ya re ngogola ba direla bagolo ba Salajwe mme ba bona go tshwanela gore monongwaga ba direle Maboane.
O ne a tlhalosa fa Kgosi Phuthego a ne a ba eme nokeng mo tirong e, a supa fa ba itumela gore ba tsisitse monyenyo mo difatlhegong tsa bagolo, a bo a ba kopa go itlhatlhobela makoa a a farolganyeng ka ba ne ba biditse le ba bongaka.
Mooki Midah Mogonono o ne a supa fa botsogo bo batla motho a tsogile mo mmeleng le mo tlhaloganyong, a tlhalosa fa go ja dijo, bogolo thata tsa Setswana le go itshidila go tsisa botsogo jo bo siameng.
Mme Mogonono o supile fa go itshidila go akaretsa go thuga, go tsamaya ka dinao, go tshega le go tshameka, a bo a kopa bagolo go nna ba dira sengwe se se tlaa ba sidilang.
O ne a kopa bagolo gore fa ba utlwa ba sa tsoge sentle ba fefogele go ya fa kokelong, a supa gore fa molwetse a nna ka bolwetse lebaka bo kgona go kekela mme e re fa a ya go itekodisa seemo se bo se setse se tsere phekelo e sele.
O tlhalositse fa bogologolo bojalwa bo ne bo nowa nako nngwe, mme malatsing a bo nowa tsatsi le letsatsi, selo se se dirang gore batho ba felele ba nna ba tagilwe, a bo a kopa bagolo go ya go ikgakolola gore letsatsi la keresemose le raya eng ka go etela kwa dikerekeng.
Mothusa molaodi wa Letlhakeng Rre Mosipidi Mokgolele, o ne a supa gore fa motho a batla go kgoma pelo ya Modimo, a itumedise bagolo jaaka mapodisi a dirile, a supa fa mapodisi a kile a ne a tshajwa bogologolo mme gompieno ba kgona go itumedisa batsadi. ENDS
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Kabo Dimpho
Date : 21 Dec 2017






