Breaking News

Batswana ba tshwanetse go itlhokomela ka keresemose

20 Dec 2017

Batswana ba kopilwe go nna le boikarabelo ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha.

Fa a bua mo phutegong ya kgotla kwa Taung ya go eleletsa morafe malatsi a mantle a keresemose, Kgosi Lebogang Masie o supile fa e le malatsi a a molemo thata.

O ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke gore ka malatsi a keresemose bangwe ba baka kutlobotlhoko ka dintwa, nnotagi le dikotsi.

Kgosi Masie o ne a gakolola morafe go fetoga ka 2018.

A re se se ka thusa motse go gatela pele.

Sub Inspector Rebaone Matshaba wa sepodisi mo Ramotswa o supile fa tiro ya bone e le go lwantsha borukutlhi.

A re ba lemogile gore ka malatsi a botsalo jwa Morena, dikgang tse di amang thata ke tsa dikotsi tse di felelang di baka tatlhegelo ya botshelo.

Sub Inspector Matshaba o ne a tlhalosa gore dikotsi tse di amang Batswana di bakwa ke go nwa, go tsaya diritibatsi le go taboga ka lebelo le le kwa godimo.

O ne a gakolola morafe gore ba tshwanetse go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe.

O kopile setshaba go nna le boikarabelo le go kgweetsa sentle go tlhokomela matshelo a bone le a bapagami. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gogontle Sanka

Location : TAUNG

Event : phuthego

Date : 20 Dec 2017