Banni ba lela ka metsi le ditsela
20 Dec 2017
Banni ba kgotlana ya Tawana Extension kwa Letlhakane ba itedile mo mopalamenteng wa bone, Rre Sethomo Lelatisitswe ka letlhoka la metsi le ditsela mo kgaolong ya bone.
Banni ba ngongoregile ka koporase ya Water Utilities (WUC) ba re e boitseme mo go tsibogeleng go thusa batho ka dipaakanyo tsa diphaephe tse di thubegileng le dithuso dipe fela tse ba di tlhokang.
Ba ne ba supa mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo fa tlhaelo ya metsi e baka gore ba tsoge makuku go ya go gelela metsi mme se se baya matshelo a bone mo kotsing ya dirukutlhi.
Ba re WUC e tlhalositse fa e tsaya didirisiwa kwa Gaborone mme se se die ditirelo mo diphaephe di felelang di tsholola metsi a bo a felele a tswaletswe lebaka.
Banni gape ba ne ba tlhalosa fa dituelo tse WUC e di lopang mo ditirelong tsotlhe di le kwa godimo mme ba kopa mopalamente go kopa palamente gore di sekasekiwe. Ba kopile gape gore ditsela di baakanngwe ka seo se ka tokafatsa mattshelo a bone mme se dire gore ditlhabololo di tokafale.
E rile a araba, Rre Lelatisitswe a tlhalosa fa puso e ikemiseditse go ba thusa mme ba tshwanetse ba itse fa dilo di dirwa ka lenaneo.
O tlhalositse fa e tlaa re mo nakong e khutshwane kgaolo e tsenyediwe metsi, dipone tsa mo mekgwatheng mme ditsela le tsone di baakanngwe.
A re WUC e kopilwe go ba tsenyetsa pompo ya morafe mme ba santse ba sena tsa mo malwapeng, jalo aa kopa gore e tlhokomelwe.
Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa diphaephe tse di dirisiwang ke WUC di le dikgologolo mme e bile ba setse ba simolotse go di shafatsa mo motseng ka bophara.
O tlhaloseditse banni fa WUC e tsentswe ke puso go lebilwe gore e tlhotlha metsi botoka go ya kwa diemong tse di letlelelwang ke mafatshehatshe.
Rre Lelatsitswe o kopile banni go thusa puso.
A re go dira jalo go ka dira tiro ya go tlhabolola motse motlhofo.
O rotloeditse banni go tsena phuthego e mo go yone Tautona a tlaa bong a tsile go laela morafe wa Letlhakane kgwedi eno e le masome mabedi le borobabobedi.
O ne a eleletsa banni mlatsi a botsalo jwa Morena a a babaselegileng.
A re botlhe ba tshwanetse ba tshwaraganela go lwantsha borukutlhi, go fokotsa dino gammogo le go kgweetsa ka kelotlhoko.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Kelebeile
Location : LETLHAKANE
Event : phuthego
Date : 20 Dec 2017






