Serepa se epolotswe
20 Dec 2017
Serepa sa monna yo go bolelwang e le wa Zimbabwe se epolotswe mo nokeng ya Mahalapye kgwedi eno e le lesome le borataro.
Sebui sa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Isaac Mamadi a re mosadi mongwe yo ka mabaka a itshireletso a ka sekang a buiwa ka maina, o ne a begela mapodisi fa tsala ya gagwe e sale e emeletse mo lwapeng kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le bone.
Superintendent Mamadi o boleletse BOPA gore mapodisi a ne a tswelela le ditlhotlhomiso, mme ba tshwara basimane ba le babedi ba meraka ya Matlhokgotshe ba e rileng ditlhotlhomiso di ntse di tsweletse ba supa kwa ba epetseng serepa sa monna yoo teng.
A re basimane bao, ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe, ba itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kgwedi eno e le lesome le boferabobedi go arabela molato wa polao ya motho.
Superintendent Mamadi a re ka serepa sa monna yoo se ne se setse se senyegile, sepodisi se ne sa dumelana le ba bongaka, dikgosi le molaodi gore moswi a bolokelwe mo mabitleng a Xhosa1 gone kwa Mahalapye.
Moswi yo go sa umakiwang fa a ka tswa a na le dipampiri tsa mosepele kana tsa go berekela mo Botswana, o tlogela tsala le bana ba le babedi.
Mo go tse dingwe, Rre Mamadi a re ba mo letsomong la monna mongwe yo o batlwang mabapi le polao ya motho mme ba kopa gore a ipege mo mapodising pele ga ba tsaya dikgato tse di gagametseng.
Mmelaelwa yo o santseng a tsene ka lenga la seloko o batlwa mabapi le polao ya mosadi mongwe wa Palla-Road kwa masimong a Lehokole.
Rre Mamadi o kopile setshaba gore fa ba na le mathata kana dipharologanyo mo botshelong ba nne ba kopa dikgakololo mo go ba masika, dikgosi, mapodisi, balaodi le ba lephata la boipelego ka jaana go bolaya le go ikgapela botshelo e se ditshwetso tsa go rarabolola mathata.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 20 Dec 2017






