Ba kgaphamadi ba amogetse dimpho
19 Dec 2017
Bagodi, balwetse le ba-na-le bogole ba le masome mabedi le borataro ba kgaolwana ya Kgaphamadi kwa Ghanzi ba abetswe dimpho ke ba mokgatlho wa kgaolwana eo wa botsogo wa Village Health Committee (VHC).
Modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Keloabetse Kolokose a re e le ba mokgatlho wa VHC ba bone go le botlhokwa go abela ba ba tlhokileng glesego mo setshabeng e le tsela ya go ba kgothatsa le go ba fa lorato.
A re ba bone go le botlhokwa go kgobokanya madi go tswa mo dikamogelong tsa bone tse bontsi di tswang kwa Ipelegeng gore ba kgone go diragatsa mokgwa o o tlwaelesegileng mo Batswaneng wa go aba.
Mme Kolokose a re ba dirisitse madi a a fetang P4 500 go reka ditlolo ka ba lemogile gore ba tshabelelwa ke letlhoko la tsone.
Mokhanselara wa kgaolo ya Ghanzi Bogare, Mme Gakeoletle Dikoma a re ba leboga se se dirwang ke mokgatlho wa VHC k aba tsweletse ka go aba e bile e se la ntlha ba dira jalo, ka e ne ya re ngwaga o simologa ba gokelela motlhoki mongwe mo Gantsi pompo ya metsi.
O rotloditse mokgatlho wa VHC go tswelela ka mowa wa go aba ka se se rotloetsa tshwaragano, popagano le lorato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : GHANZI
Event : KABO DIMPHO
Date : 19 Dec 2017






