Breaking News

Dikereke di tlhoka go tshwaragana

19 Dec 2017

Mokwaledi wa  ofisi ya Mopalamente mo Lobatse,  Rre Gaone Malebye  o rotloedise  dikereke go tshwaragana.

Rre Malebye o dirile thotloetso eo ka Tshipi jaaka ba kereke ya Bethelehem City of Christ in Zion ba ne ba tswere  letsatsi la go abela bagodi dimpho.

O ne a bolela gore go abelwa ke selo sa botlhokwa, a tlatsa ka go re le bone kwa ofising  ya mopalamente ba mo  moonong oo jaaka ba abetse kereke eo ditilo di le masome mabedi le botlhano,

Rre Malebye a re ga go abelwe gore motho o tlhokile lesego, mme go supiwa mowa wa lorato le kabelano.

A re kereke e e dira  tiro e e botlhokwa, a bo a kgothatsa gore a dikereke tse dingwe le tsone di dire ka mowa oo.

E rile a ema,  Arch Bishop  George  Makhurutha a bolela gore tiro e, e ne e se bonolo ka gore o ne a simolotse a batla go abela batsadi, mme go sena madi, mme ka Modimo a sa latlhe ope tiro ya gompieno e ne ya kgonagala.

Arch Bishopo Makhurutha o abetse bagodi  dimpho ba le masome matlhano morago ga go  kopa dithuso.

A re mo nako e e tlang ba tlaa abela mongwe se a se tlhokang gore kereke e bonale gore bo na le  boikarabelo.

A re o eletsa gore batho botlhe ba itse Modimo, a tlatsa ka go re go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

Le fa go ntse jalo  kereke e tswa kgakala e ntse e thusa masiela, go duelela baithuti le tse dingwe.    

 Mookamedi Mme Catherine Tafa a re kereke e bone go tshwanela gore  e abele  bagodi, a tlatsa ka go re  a e nne tiro e ntle go ya kwa pele.

A re go aba go tlhoka gore go tswe mo botennye jwa pelo.

Mo go tse dingwe, mookamedi  Tafa a re fa dikatlego di tla di amogelwe ka lorato, ba  ba abelwang   gore le bone ba amogele ka lorato, a tlatsa ka go re go botlhokwa gore ba itshwarelele ka Modimo ba nne le lorato le boitumelo.

 E rile a ema, Moruti Idah  Mogampane a bolela gore maikaelelo  magolo  a letsatsi ke lengwe la mananeo a kereke, gore e thusane le puso, a tlatsa ka go re tota ga go na ope yo o tlhokileng lesego, bogolo jang fa a kgona go bona  tlhabo ya letsatsi.

A re go botlhokwa go leboga Modimo.

A re ke letsatsi la go abela baratiwa, e seng ba ba tlhokileng lesego, go lemoga bagodi le ba lemotsha gore ba a ba gopola ka ba le botlhokwa.

Mothusa Kgosi kwa kgotleng ya Woodhall, Mme Maleshwane Bakwena o lebogetse gore kereke eo e batle gore bogogi jwa toropo bo nne basupi mo go tse  kereke  e di direlang setshaba, gore kereke le yone e tle e atolose  dithuso.

Kgosi Bakwena a re go molemo go lemoga bagodi ka dinako tsotlhe.

A re ba ya go robala ba itse gore ke nako ya go abelwa, go fiwa ka lorato.

A re gantsi setshaba se a ba tlhokomologa, a tlatsa ka go re   go na le nako  e Modimo a e fileng mongwe le mongwe ya botshelo.

 A re  go aba go molemo ka jaana dimpho di a tswa, mme masego one  a tsene BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : KABO DIMPHO

Date : 19 Dec 2017