Breaking News

Badirelapuso ba goga dinao mo tirong - mothusa modulasetilo

19 Dec 2017

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mahalapye, Rre Orelebile Baatweng a re le ntswa Puso e na le mananeo a a ka tlhabololang Batswana le lefatshe la bone, sebe sa phiri ke badirelapuso ba ba gogang dinao mo tirong.


Rre Baatweng o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore le ntswa ba sale ba solofeditswe ngogola go agelwa matlo a boroko jwa barutabana kwa sekoleng sa Parwe Junior Secondary le matlwana a borutelo mo sekoleng se sebotlana sa Tamocha nako kgolo ke eno.
A re le ntswa mmuso o tswa ka megopolo le mananeo a a ka tokafatsang matshelo a Batswana le go tsweledisa ditlhabololo, sekgoreletsi ke badirelapuso ba ba gogang dinao mo tirong gammogo le tiego ya go goroga ga didirisiwa tsa kago ka nako mo dikgaolong.


Rre Baatweng o go bolela fa ditiro dingwe tse di tlaa dirwang mo kgaolwaneng ya BOXHOMO ka madi a a abelwang dikgaolo tsa botlhophi e le kago ya ofisi le ntlwana ya boitiketso mo kgotlaneng ya Bokaa, leobo mo kgotlaneng ya Mowana 2 le kago ya metshela-kgabo e le mebedi mo kgotleng ya Mowana 1 gammogo le go dila ka ditena tsela e e tswang mo tseleng ya A1 evya kwa sekoleng se segolwane sa Mowana Junior Secondary.


Rre Baatweng o rile le ntswa dikgaolo dingwe tsa lefatshe leno di kgonne go direlwa ditlhabololo ka lenaneo la go rudisa itsholelo mo kgaolong ya bone ya Mahalapye Bophirima ga ba ise ba akole lenaneo leo le mororo ba sale ba solofeditswe fa ba tlaa direlwa ditiro dingwe ka lenaneo leo mo ngwageng o o fetileng.
Rre Baatweng o boletse mo potsolotsong gore le fa ditiro dingwe di saletse morago mo kgaolwaneng ya bone, gone ba ipelafatsa ka ditiro tse ba di dirileng ka lenaneo la Ipelegeng ga mmogo le nyeletso lehuma ka jaana di kgonne gore Batswana ka bontsi ba bone se seyang maleng. BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : POTSOLOTSO

Date : 19 Dec 2017