Breaking News

Ba tshwenngwa ke diphologolo

19 Dec 2017

Kgosi Olebetse Phemelo wa Sorilatholo mo Kweneng, o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke diphologolo, bogolo thata ditlou le dipitse tsa naga.
Kgosi o buile jaana fa a amogela baeng kwa phuthegong ya kgotla bosheng, a supa fa ba tshwenngwa thata ke ditlou mme se se botlhoko e le gore ga ba itse gore ba ka iphemela jang mo go tsone ka ba sa itse maitsholo a tsone.


O tlhalositse fa ditlou di tlhasela batho kwa masimo, mme a supa fa a tshosiwa ke gore batho ba motse oo fa ba utlwa go twe ditlou di bonwa golo gongwe, ba ya koo ba le bantsi mme ba sa itse boitsholo jwa tsone.
O supile fa ditlou tse di dira tshenyo kwa didibeng, masimo le kwa masakeng, a bo a kopa ba lephata la diphologolo le makgabisa naga go busetsa ditlou tseo kwa di tswang teng.


Mogolwane go tswa kwa lephateng la diphologolo le makgabisa naga kwa Letlhakeng, Rre Enerst Molemele o ne a tlhalosa fa e le ruri ditlou di le mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, a bo a tlhalosa fa e le nnete di sa tlwaeselesega mo kgaolong e, a bo a kopa banni ba kgaolo e go ithuta go tshela le diphologolo tse.
O boletse fa ditlou gantsi di ikganeletse kwa kgaolong ya Chobe, mme  a supa fa di sa kganelelwa koo jaaka bangwe ba akanya, a tlhalosa gore fa diphologolo di leng dintsi teng di gotlha lefatshe, ke ka moo di felelang di bolawa ke tlala.


Rre Molemele o supile gore fela jaaka batho, fa di lemoga gore di bolawa ke tlala di senka lefelo le lesha kwa di ka tshelang ka phuthologo teng.
O boletse gape fa diphologolo di gola ka palo le batho le bone ba gola ka palo mme lefatshe lone le sa gole, ke ka moo go leng botlhokwa gore batho ba ithute go tshela le diphologolo le go amogela go tshela le tsone.


O tlhalositse fa maloba jale fa go le leuba, diphologolo di ne di tsamaela kwa kampeng ya CKGR, ke ka moo di felelang di itse lefelo le.
O tlhalositse fa tlou e le phologolo e e bonolo gape e le borai, a bo a kopa banni gore e re fa ba bona ditlou ba seka ba ya kwa go tsone, a supa fa tlou e sa bonele kgakala mme e utlwa motho ka monko.


O kopile batho gore e re fa ba bona ditlou ba boele morago ba sa tsose modumo, mme fa ba di katogile ba olose mmu go bona kwa phefo e fokelang teng, fa e fokela kwa di tswang teng ba leke ka bojotlhe go tila gore di ba utlwe ka monko.
O tlhalositse gore fa ba tshoganyeditse ditlou ba tlaa tshwanelwa ke go iphemela, a supa gore fa ditlou di sa kgopisiwa ke sepe kwa di tswang teng di kgona go fapaana le batho go sena mathata.


O ba kopile gape gore ba seka ba lwantsha ditlou kana ba di hula fa ba di bona, ka go dira jalo go ka di tlatsa tshakgalo, mme ba leletse ba lephata la gagwe.  


Mogolwane wa lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa Molepolole, Rre Dick Ntamba o boletse fa ditlou di kile tsa bo di nna kwa Kweneng, ke sone se go nang le mafelo a a bidiwang Botlhapatlou.
O supile fa go le botlhokwa gore ba tlhalose gore a ba bona ditlou ka sebele kgotsa motlhala wa tsone.


Rre Ntamba o ba kopile  gore ba tlhalose ka botlalo kwa ba di bonang teng, le motse o mogolwane o o gaufi le  lefelo leo gore go nne motlhofo fa ba di latedisa, a bo a tlhalosa fa le nako e ba di bonyeng ka yone e le botlhokwa gore ba itse gore di ka tswa di tsamaile sekgala se se kae.
O ba kopile gape gore fa diphologolo di ba senyeditse, ba leke ka bojotlhe gore ba seka ba senya bosupi, a supa fa se se ba tlhofofaletsa tiro fa ba batla go ba duela.


Rre Ntamba o kopile balemi gore fa ba utlwa dintsa di bogola kwa ntle bosigo, ba seka ba tswela kwa ntle ka jaana tlou fa e tsamayang teng e seke e tsosa modumo, mme go le botlhokwa gore ba okomele gore go  diragala eng kwa ntle pele ga ba tsaya kgato.
Fa ba tswa la bone, banni ba lebogetse thuto eo ba supa fa ba tlaa ithuta go tshela le diphologolo tse, ba supa ba ne ba tshaba go ya masimo ka ntlha ya ditlou.
Ba kopile gape gore puso e oketse badiri ba lephata la diphologolo ka jaana go bonala sentle gore ditlou di simolotse go kgatlhegela kgaolo ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : SORILATHOLO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Dec 2017