Go lemilwe ditema tse 85
17 Dec 2017
Motshwarelela moanamisa mafoko wa lephata la temo mo kgaolong ya legare, Rre Onalenna Motsebe a re le fa dipula di netse moragong balemi ba kgaolo ya gagwe ba setse ba lemile ditema di ka tshwara 85.
Rre Motsebe o tlhalositse gore le ntswa pula e na ka boutsana e bile ba tlhaelelwa ke didirisiwa di tshwana le dipolantara le digogi, balemi ba fela dipelo go dirisa lenaneo la ISPAAD.
A re o itumedisiwa ke gore monongwaga bontsi jwa Batswana ba inaakantse le temo ya segompieno ya go lema ka ditselana, mme a bolela fa mathata e le go tlhoka kitso ya go dirisa menontshane ga balemi ba dikgaolwana tsa Moiyabana, Thabala, Mogorosi, Paje, Tshimoyapula, Mmashoro, Bikwe le Tshetlhong.
Rre Motsebe o tlhalosa fa balemi ba ba dirisang ditonki go lema e bile ba lema ka ditselana le bone ba tlaa duelelwa ditema tse tlhano ka lenaneo la ISPAAD.
O kopa botlhe ba ba lemetsweng ka lenaneo la ISPAAD go ntsha mhero le go agelela masimo go tila gore dijalo di senngwe ke loruo, ka seo se ka holodisa maiteko a puso a go rotloetsa Batswana go ntsha dijo tse di lekaneng tse e bileng di ka rekisiwa kwa mafatsheng a mangwe.
Rre Motsebe o boletse fa a swabisiwa ke batho ba e ya reng puso o sena go dirisa makgetho a Batswana go ba lemela ka lenaneo la ISPAAD, morago ba phuaganye masimo go ya go batla mmereko kwa Ipelegeng. BOPA
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 17 Dec 2017






