Ipabalelo tseleng ke ya batho botlhe
17 Dec 2017
Balemi - barui ba masimo le meraka e e mo tikologong ya moepo wa Karowe ba gakolotswe go nna le seabe mo ipabalelo tseleng.
Kgakololo e, e dirilwe ke mogokaganyi wa setshaba le moepo wa Karowe, Mme Kgalalelo Mokgweetsi kwa bokopanong jwa go ruta le go gakolola bakgweetsi le balemi-barui ba ba dirisang tsela e e yang moepong oo mo bosheng.
Bokopano jo, bo ne bo rulagantswe ke ba moepo wa Karowe ba tshwaragane le komiti ya ipabalelo tseleng ya Boteti.
Mme Mokgweetsi a re maikaelelo a bone ke go lemotsha balemi-barui ba tikologo ya moepo gore tsela e ba e kopanetse.
A re ba gwetlhilwe ke gore balemi-barui ga ba dirise tsela sentle ba tsamaya ka dikotsekara di sa bonale bosigo ga mmogo le dikoloi tse di sa itekanelang, mme se se kgoreletse babereki ba moepo fa ba dirisa tsela bosigo.
Mme Mokgweetsi a re ba itlamile gore ngwaga le ngwaga ba kopane le balemi-barui ba buisane ka ipabalelo tseleng.
O boletse fa ba tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela tse di diragalang mo tseleng e tse dingwe tsa tsone di gapang matshelo.
Lepodisi la pharakano mo Letlhakane, Inspector Given Masole o ne a supa fa ba tshwenngwa ke gore badirisi ba dikara tsa ditonki ga ba didirise tsela sentle ba kgweetsa ba iphetisitse dino, gape ba sa golega ditonki sentle, a tlatsa ka go re go dira jalo go ka baka dikotsi.
Inspector Masole a re bakgweetsi ba dikara tsa ditonki le bone fela jaaka badirisi ba bangwe ba tsela ba kgona go tshwarwa fa ba kgweetsa ba nole.
O ne gape a re ba tshwenngwa ke leruo le le gobeyang mo ditselen,g a supa barui ka monwana gore ga ba tlhokomele leruo.
Rre Masole o tlhalositse gore fa kgomo e thudilwe ke koloi mong wa yone o tseelwa dikgato a bo a duela mong wa koloi ditsheyegelo tsa go e baakanya.
Mme Keena Kearabile a re ba amogetse dithuto e bile o dumela gore ke boammaruri bangwe ga ba dirise ditsela sentle. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Sesotlegeng
Location : Letlhakane
Event : Bokopano
Date : 17 Dec 2017






