Breaking News

Batawana ba ipaakanyetsa Tautona

14 Dec 2017

Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o roletse boo-Tawana loeto lwa ga Tautona kwa phuthegong ya kgotla e e neng a e buisa kwa kgotleng kgolo bosheng.

A re le fa diromamowa le Botswana Television di setse di lo kuetse, fela o bona go le botlhokwa go lo ba rolela semmuso.

Kgosi a re Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o diritse lefatshe leno ka bokgeleke a santse a le mmotlana go fitlhelela gompieno, a tlatsa ka go re keletso ya gagwe ke gore ba mo laele ka tsela e e faphegileng.

A re ke selo modiro gore bo Tautona ba lefatshe leno fa ba setse ba digetse lobaka lwa bone ba a laela, mme Batswana ba ba direle dimpho tse di ba lebanyeng.

O ne a kopa gore le ene Tautona Khama a direlwe dimpho tse di kgotsofatsang e sere gongwe ba gaisewa ke dikgaolo tse dingwe.

Kgosi Moremi a re Tautona ga a tle go etela metse epe e mennye mme o tlaa bo a le fela mo dikgotleng tse di tona.

A re ope fela yo o nang le mpho a ikwadise, a tlatsa ka go re ba ntshe le megopolo ya gore letsatsi leo le ka tshwarwa ka tsela e e ntseng jang.

Kgosi o ne gape a eleletsa morafe wa gagwe keresemose e ntle le ngwaga o mosha, a ba kgothatsa gore ba seka ba iphetisa dino le gone go kgweetsa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya dino gore ba kgone go fokotsa dikotsi tsa tsela le dintsho.

Le fa go ntse jalo, Batawana ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka tsamaiso e e dirilweng ke ofisi ya ga molaodi ba re o ka bo a rulagantse pele le ba bogosi go na le go tshwara puisanyo le badirelapuso pele ba bua ka loeto loo.

Ba re Tautona o laela setshaba e seng bodirelapuso.

Mme Tuduetso Segosebe o ne a re gompieno ka thulaganyo ya ga molaodi go buiwa ka dikgotlana fela.

A re o ipotsa gore seabe sa kgotla kgolo ya Batawana ke eng ka e le gone kwa Tautona a tlang go laela setshaba sa gagwe teng.

Kgosi Oleo Ledimo o ne a re sebe sa phiri ke gore jaanong le yone ofisi ya ga molaodi ga e na kemedi mo phuthegong eo mme a re go lebega go na le dilo dingwe tse dintsi tse di sa tsamayang sentle.

Kgosi Charles Letsholathebe o ne a re ene ga a bone molato ope mo tsamaisong ya ga malaodi ka a dirile gore bodirelapuso bo ba tswe maoto go ba ela kwa dikgotlaneng, a tlatsa ka go re kana le bone batho fa ba bidiwa ga ba tle go tla go itseela molaetsa.

O bile a tlhalosa fa go ya ka ene a itse gore dimpho tse di tlaa bong di phuthilwe di tlaa rolwa kwa kgotleng kgolo e bile e le tsa Batawana botlhe e seng kwa dikgotlaneng jaaka batho bangwe ba akanya. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 14 Dec 2017