Kwadiso ya ditsha e sa le kgwetlho
12 Dec 2017
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Godfrey Habana a re lekgotla la gagwe le santse le lebanwe ke kgwetlho ya go kwadisa ditsha ka jaana le ise le kgone seelo sa go kwadisa ditsha tse di mo kgaolong.
Rre Habana o buile jaana kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa modulasetilo wa lekgotla leo, wa go ipelela matsalo a Morena kwa Masunga bosheng.
O tlhalositse fa kwadiso ya bone e santse e gata mo masomeng a marataro le bobedi mo lekgolong, palo e a tlhalositseng fa e le kwa tlase thata, ka jalo a re go botlhokwa gore maloko a lekgotla le bodiredi ba tsholetse dinao.
Le fa go ntse jalo, a re le ntswa go na le dingwe tse ba sa di kgonang, fela o itumedisiwa ke gore ga se tshoo kwa ga Motshodi.
A re ba ne ba di kgona ka ntlha ya tshwaragano magareng ga bone e le maloko le bodiredi.
Rre Habana a re o dumela gore ka tshwaragano ya bone mmogo le ba-na-le seabe ba bangwe, ba ka kgona tse ba solofetseng go di diragatsa, a kopa gore mo ngwageng wa 2018, go seka ga letlelelwa ka gope gore go nne le dingongorego tse di ka tswang mo setshabeng.
A re go botlhokwa gore bodiredi jwa Tati Land Board ba itshekatsheke, mme ba fetole ka fa go ntseng go dirwa dilo ka teng, go tlhomamisa gore ba fedisa dilelo le dingongorego tse gantsi setshaba se lelang ka tsone.
A re ba tshwanetse ba itlama go tla ba thusa setshaba ka thuso nngwe le ngwe e se tlaa bong se e tlhoka.
Motshwarelela mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Martin Nzehengwa le ene o ne a supa tlhobaelo mabapi le kwadiso ya ditsha.
A re ba tshwanelwa ke go dira namane e tona ya tiro ka jaana go supagetse fa batho bangwe ba kopanetse dinomoro tsa ditsha mme go le mo maruding a bone go netefatsa gore ba baakanya ketsaetsego eo.
Mo go tse dingwe, motshwarelela mokwaledi o ne a bolela fa lekgotla la bone le kolotwa madi a a seng kana ka sepe mabapi le dituelo tsa tiriso ya lefatshe, selo se a tlhalositseng fa se tlhokana le gore ba tswe ka maano a go phutha madi ao.
A re le ntswa maiteko a bonala mo lekgotleng leo, fela ga go a lekana, ka jalo ba tshwanetse ba loma molomo wa tlase go diragatsa maitlamo a lekgotla le go kgona tse di solofetsweng mo go bone ke setshaba.
Rre Nzehengwa o ne a bolela fa maikaelelo a moletlo ese go ipelela keresemose fela, mme gape o thusa go itshekatsheka le go kopana le ba -na-le seabe ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Moletlo wa Matsalo a Morena
Date : 12 Dec 2017






