Breaking News

Ba Sepalamoriri ba kgala polao ya masea

12 Dec 2017

Batho ba kgotla ya Sepalamoriri kwa Radisele ba kgadile ba menne phatla basetsana ba ba tsweletseng ka go senya boimana le go latlhela masea mo matlwaneng a boitiketso.

Ba boletse mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke Kgosi Obusitse Medupe wa Sepalamoriri kgwedi eno e le lesome gore fa e sale ngwaga ono o simologa, ke bana ba roba bongwe ba ba neng ba latlhelwa mo matlwaneng a boitiketso, fa ba bangwe ba phuagantswe mo ditseleng morago ga go tsholwa.

Ba re ba na le pelaelo ya gore go na le bangwe ba e leng dingaka tsa setso ba ba ka tswang ba thusa basetsana ba kgotla eo go senya boimana,

Ba bolela fa go dira jalo go senya kgotlana ya bone leina.

Ba dumelane mo phuthegong eo gore motsadi mongwe le mongwe, segolo jang bomme, ba simolole go ela bana ba bone ba basetsana tlhoko fa ba le mo seemong sa boimana.

Ba re ba ngongorwa ke gore badira melato ya go nna jalo, puso ga e ba tseele dikgato tse di gagametseng ka jaana ba seke ba latlhelwa mo dikgolegelong.

E ne e rile go le pele, Kgosi Medupe a bolela fa maikaelelo a go bitsa phuthego eo e le go tla go abelana megopolo le batsadi ka methale e e ka dirisiwang go rarabolola dikgang tsa go latlhelwa ga masea mo mantlwaneng a boitiketso.

A re se se ngomolang pelo ke gore batho ba ba dirang ditiro tsa go nna jalo ke bomme ba ba nang le bana e bile ba le mo seemong sa go nyalwa.

E rile bosheng, Mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Kgosiemang Monare a kgala a sa oshaoshe go latlhelwa ga masea mo matlwaneng a boitiketso.

Mo phuthegong eo, morafe o ne wa tlhopha batho ba le bane ba ba tlaa yang go kopana le ba bogosi, mapodisi, ba lephata la boipelego le ba lephata la botsogo le boitekanelo mabapi le dikgang tse di tshwenyang mo kgotlaneng ya bone.

Lekoko leo, le le eteletsweng pele ke Kgosi Medupe le akaretsa Rre Gomolemo Baoliki, Mme Oageletse Khunong le Mme Tamabuya Moeng ba e tlaa reng kgwedi eno e le lesome le bone ba buise phuthego go lekodisa morafe ka thomo ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : RADISELE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 12 Dec 2017