Tona o lekola ditiro tsa ESP mo kgaolong
11 Dec 2017
Mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, o ne a etela metse ya Tshokwe le Mmadinare go lekola lenaneo la ditiro tsa go rudisa itsholelo.
Go ya ka Rre Mzwinila, maikaelelo a lenaneo la ESP ke go diragatsa ditlhabololo tse di neng di saletse kwa morago.
Rre Mzwinila, yo gape e leng mothusa tona wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, o ne a tlhalosa gore le fa go nnile bonya go simolola tiro kwa Tshokwe, go a nametsa ka bangwe ba bo radikonteraka ba setse ba itshupile go ka simolola tiro mo lobakeng le le seng kgakala.
Rre Mzwinila o ne a supa fa go le botlhokwa go nna a lekola ditiro tsa go nna jalo ka e le ene leitlho la setshaba, go bona gore ditiro di dirwa ka nako e bile ke tsa boleng jo bo kwa godimo le go diragatswa ka madi a a dumalanweng.
E rile a ema boradikonteka ka lefoko, Rre Mzwinila a ba kgothatsa go thapa bana ba metse e ditiro di dirwang kwa go yone go fokotsa letlhoko la ditiro mo motseng.
Rre Mzwinila o tlhalositse fa go le botlhokwa gore ba-na-le seabe ba tshwana le badirelapuso, makhanselara le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba bereke mmogo go netefatsa gore ditiro di a dirwa.
O ne a solofetsa fa e tlaa re ka Hirikgong a tle gape go bona gore se ba se dumalaneng se a diragala.
E rile a tlhalosa mabaka a tiego ya kago ya matlo a barutabana a fera bobedi, matlo a borutelo a le mabedi,le a boitiketso a bana ba sekole a le masome mabedi le bone a a tshwanetseng go agwa kwa sekoleng se se botlana sa Tshokwe, Mme Malebogo Magano go tswa khanseleng a supa fa e rile morago ga go abela baikopedi ditiro tsa kago, bangwe ba boradikonteraka ba ngongorega gore go nnile le tsietso mo go abeng ditiro tseo.
Mme Magano o tlhalositse fa seo, se ne sa dira gore boradikonteraka ba ba neng ba abetswe ditiro tsa kago ba tsee lobaka lo loleele go simolola tiro.
Mme Magano o ne a tlhalosa fa rakonteraka wa kago ya matlo a barutabana a setse a le teng, mme a simolotse thulaganyo ya go thapa badiri,fa wa kago ya matlo a boitiketso le a borutelo a ise a goroge go ka simolola tiro.
Mme Magano o ne a supa fa ba na le tumalano le boradikontera gore fa ngwaga wa madi o wela ka Mopitlo 2018, tiro ya kago e bo e weditswe.
E ntse e le mo lenaneong la go lekola ditiro tsa lenaneo la ESP kwa Mmadinare, go supafetse fa kago ya matlo a mapodisi e tsweletse sentle, mme tsholofelo e le gore e bo e wetse fa ngwaga wa madi o wela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya Mopalamente
Date : 11 Dec 2017






