Breaking News

Industrial court e aba pompo

11 Dec 2017

Badiri ba lekgotla la ditsheko tsa pereko ba abetse lelwapa la ga Mme Mmaseritshane Maborwane kwa Serinane pompo ya metsi.

E rile a amogela baeng kwa tirong eo, Kgosi Phillip Galeatle wa Serinane  bosheng a leboga ba Industrial Court ka ba tsiseditse Mme Maborwane se a neng a se tlhoka.

Kgosi Galeatle o ne a tlhalosa fa go tla ga bone go ba itumedisitse fela thata.

Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kablay, o ne a supa fa go itumedisa gore ba bo ba kopanye le ba lekgotla leo e se ka tsheko, mme ba kgobokanye go tla go amogela dimpho.

O lebogetse badiri bao go reetsa kopo ya ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama, ya gore Batswana ba thusanye.

Rre Kablay o boletse fa badiri bao ba tsentse matsogo mo dikgetsing tsa bone go kolekela pompo eo, le ntswa botshelo jwa kwa Gaborone bo le thata.

O tlhalositse gape fa ba itumelela gore mpho eo e ajwa ke Batswana, e seng dikhamphani kana mabenkele a matona jaaka go tlwaelesegile.

O boletse gape fa Mme Maborwane yo e bileng e le mo-na-le bogole, a sale a lela ka letlhoko la metsi, mme se se raya gore ba lekgotla leo ba tsile ka kwa lefelong le le siameng ka nako e e tshwanetseng.

Mopalamente o tlhalositse fa letlhoko le le lentsi thata kwa kgaolong ya gagwe, selo se a kaileng fa se ketefaletsa puso tiro, ka e ka seke e kgone go thusa batlhoki ka nako e le nngwe fela.

O eleleditse badiri bao masego le matlhogonolo a a tswang kwa Modimong, gore o ba thuse go ya pele, ba tlhatlosiwe maemo gore ba tle ba dire go feta fa ba dirileng teng.

E rile fa a aba mpho, mothusa mokwaledi kwa Industrial Court, Rre Bakang Tshipinare, o ne a supa fa ba leboga tautona wa lefatshe leno gore a bo a ntshitse letsatsi le badirelepuso ba tswang ka lone go ya go direla setshaba.

O supile fa ba na le komiti e ba e tlhamileng go direla setshaba, a supa fa ba ntshitse madi mo dikgwatlheng tsa bone le go rekisa borotho kwa tirong go kgobokanyetsa tiro eo madi.

Fa a amogela mpho eo, Mme Tukunuku Maborwane o ne a supa fa ba itumetse go feta selekanyo ka jaana ba ne ba ntse ba kgobakgoba kwa khanseleng ba kopela motsadi wa bone metsi, ka e le mo-na-le bogole.

O tlhalositse fa ba tla a e tlhokomela gore e seka ya rojwa ke leruo, a supa fa selo se setona mo botshelong e le metse.

Mokhanselara wa kgaolo, Rre Meshack Tshenyego o ne a supa gore ba Industrial Court ba ba tlhofofaleditse tiro ka go tsenyetsa Mme Maborwane metsi, ka jaana o ne a sa ba robatse ka ntlha ya go tlhoka metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : SERINANE

Event : Kabo ya Dimpho

Date : 11 Dec 2017