Phala e setse e ledile kwa Lobatse
11 Dec 2017
Batshameki ba metshameko e e farologanyeng, kwa Lobatse ba phatlaletse le dikole go ikatisetsa metshameko ya Botswana Games e e tshwarelwang kwa Gaborone kgwedi eno.
Mookamedi batshameki bao, Mme Gothaang a re le fa go ntse jalo go na le dikgwetlho di akaretsa letlhoko la madi le go reka didirisiwa.
E rile a ema batshameki ka lefoko kwa phatlalatsong ya bone, mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena, a re ba tshwanetse go supa tsotlhe tse di tlhokiwang gore ba tsenelele metshameko eo, mme ba seka ba leka maretshwa.
A re ba tlogele dikgang tsa go ngongorega ka go re ba tsieditswe, a tlatsa ka go re go tlhokega boitshwaro jo bo amogelesegang.
A re ba seka ba tsaya dikgang tsa metshameko ka mafatlha.
A re se se ka ba thusa gore ba iphitlhele ba le mo maemong a botlhano go ya kwa godimo fa ba itshwara sentle.
Mo go tse dingwe, Rre Mokwena o gakolotse batshameki gore motshameko mongwe le mongwe o na le tiriso mafoko ya one.
A re boitshwaro jo bo amogelesegang ke tsela e motho a dirang dilo ka yone le ka fa a di tsibogelang ka teng.
A re ba somarele nako, gape ba seka ba batlwa ba je ka nako e e beilweng botlhe e le setlhopha.
A re gore ba fenye ba seka ba ikala, ba robale ka nako gape ba ikhutse gore ba kgone dikgaisanyo.
Constable Charles Ntema go tswa kwa sepodising sa Botswana a direla kwa Woodhall, o boletse gore go nna motshameki go siame ka gore puso e a huhega go bona ngwana yo o batlang go gola sentle a senyediwa bokamoso kgotsa a kgorelediwa ke dilo di tshwana le diritibatsi, a bolela gore di senya dilo tsotlhe tse dintle.
A re motshameki ga a a tshwanela go ipha maatla ka dilo tse di sa siamang, fa a dira jalo o tlaa bo a senya botshelo jwa gagwe. O ba kopile go ikgapha mo tirisong diritibatsi.
Constable Ntema a re diritibatsi di dira gore ba tswe mo tseleng kgotsa ba dire dilo tse dimaswe mme a tlatsa ka go re dikatlholo tsa teng di gagametse.
Mme Onnetse Malope go tswa kwa lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, o ne a leboga ba-tsaya karolo jaaka baithuti le lephata la thuto, khamphani ya Flo Tek e e sa iponeng tsapa mo go rotloetseng metshameko e.
O boletes gore le ngwagatlola ba ne ba ntse ba rotloetsa.
Mo go tse dingwe, Mme Malope o lebogile khansele ya toropo ya Lobatse a re e dirile tse dintsi, BNSC, All-Kasi e e ntshitseng dipaka tsa metshameko di le pedi, Shakes Fitness Centre le ba bangwe.
A re ba tswelele ka mowa oo wa go batla go bona toropo e phaphasela ka boitumelo.
Team Lobatse e tsamaya ka batshameki ba metshameko e e farologaneng go akaretsa kgwele ya dinao, bolo-tloa, karate, mabole, badmanton, basketball, go shapa, mabelo le morabaraba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Metshameko
Date : 11 Dec 2017






