Ba rapedisa dikotsi tsa tsela ya A1
11 Dec 2017
Dikotsi tsa dikoloi tse di diragalang mo tseleng ya A1 go tswa Ramatlabama go ya Ramokgwebana di tshwentse mapodisi a Tshesebe.
Matshwenyo ano a dirile gore ba itshwaraganye le dikereke ka go farologana le banni ba metse e e welang ka fa tlase ga kampa eo, go tshwara merapelo mo tseleng eo go kopa mautlwelobotlhoko kwa Modimong.
Tirelo eo ya go rapedisa tsela e ne e tshwaretswe kwa Tshesebe bosheng, kwa tseleng eo ya A1 kwa lefelong le go tlhalositsweng fa dikotsi ka bontsi di diragala teng.
Bosheng jaana ka Ngwanaatsele, batho ba le bararo ba ne ba tlhokafala mo kotsing ya dikoloi gone kwa lefelong leo.
Fa a nankola maikaelelo a letsatsi leo, mookamela mapodisi a Tshesebe, Superintendent Amos Kekgathetse a re e re ka jaana ba le mo malatsing a le masome marataro a go lwantsha borukutlhi le dikotsi tsa tsela, ba ne ba bona go tshwanela gore ba lwe ka gotlhe mo ba ka go kgonang.
Seno se akaretsa go kopa Modimo go tsaya taolo le go thusa gore tsela ya A1, e kampa ya bone e tsayang bontlha bongwe jwa yone, e nne e e babalesegileng mo dikotsing tsa tsela.
Supt Kekgathetse a re ba ne ba dira jalo gape go rotloetsa ba dikereke go nna le seabe mo go lwantsheng dikotsi tsa tsela le gore ba kgone go tlhaloganya botlhokwa jwa go nna ba gasa efangele ya pabalesego mo ditseleng kwa dikerekeng.
O ne a tlhalosa fa mmaba yo mogolo mo go bakeng dikotsi e le bojalwa le ditagi, a re mme fela go na le dingwe tse gantsi di bakang dikotsi tsa tsela, tse maloko a dikereke ba amegang mo go tsone, tse di tshwanang le letsapa le boroko.
Gape o ne a gwetlha batho go nna ba itapolosa fa ba ikutlwa ba le mo seemong se se sa itekanelang go kgweetsa.
A re ka jaana go supagala fa banana e le bone gantsi ba amegang mo dikotsing tsa tsela, go botlhokwa gore batsadi ba bue le bone ka bodiphatsa jwa go inaakanya le dilo tse di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.
O ne a nankolela batsena tirelo eo ka ditiragalo tsa dikotsi mo kgaolong ya gagwe, a supa fa mo go 2015 mo dikotsing tsa tsela tse di neng di le masome a matlhano le borataro, mo go tsone di supa di ne tsa gapa matshelo a batho ba le lesome le bobedi.
A re ka 2016 go nnile le dikotsi tse di masome a supa le bongwe tse mo go tsone tse thataro di gapileng matshelo a batho ba fera bongwe.
Supt Kekgathetse o a boletse fa monongwaga go fitlha jaana, go nnile le dikotsi di le masome a mane le boferabongwe mme mo go tsone batho ba fera bongwe ba ne ba latlhegelwa ke botshelo mo dikotsing tse thataro.
E rile a ntsha lefoko la kgothatso, Kgosi Sibangani Mosojane wa Mosojane a kopa bakgweetsi go ithuta go nna pelotelele mo ditseleng.
A re bontsi jwa dikotsi tse di diragalang mme di ne di ka tilwa, di diragala ka ntlha ya go tlhoka bopelotelele ga Batswana.
Kgosi Mosojane o ne a bo a gakolola batho go obamela lebelo le ba tshwanetseng go kgweetsa ka lone.
O ne gape a kopa batho gore ba seka ba letlelela boitumelo go ba fekeetsa mo ba ka felelang ba baka mathata, a a neng a sa tshwanela go diragala.
Mo mafokong a gagwe a malebo, mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi o ne a re o dumela fa barulaganyi ba merapelo eo ba dirile jalo ka tlhotlheletso ya mowa o o boitshepo.
A re ba supile fa ba kgathala ka dikotsi tse di diragalang mo tseleng eo.
O ne a bo a leboga ba dikereke go bo ba ne ba itlama go tlogela dikereke tsa bone ka lone letsatsi leo ba tla go obamela kwa lefelong leo.
Gape o ne a kopa gore merapelo ya mothale o e nne e tshwarwa gangwe le gape go na le gore e tshwarwe fela fa go nnile le masula.
Mokhanselara Mathonsi o ne gape a gakolola beng ba leruo le gantsi le sasankegang mo tseleng ya A1 go le tlhokomela le go le tlhatlhela ka le lone le na le seabe se segolo mo go bakeng dikotsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : TSHESEBE
Event : Tirelo ya go rapelela tsela
Date : 11 Dec 2017






