Makhanselara ba ngongorega ka tiego ya ditlhabololo
10 Dec 2017
Makhanselara a kgaolwana-potlana ya East mo Ghanzi ba ngongoregile ka tiego ya ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa ka lenaneo la madi a dikgaolwana tsa botlhophi.
Makhanselara a ntshitse ngongorego eo fa ba ne ba akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo mo phuthegong ya khansele potlana ya East bosheng.
Makhanselara ba rile fa e sale madi ao a ntshitswe, ga gona sepe se se simolotsweng.
Ba re e sale go twe go dirwa dithendara le gompieno ga ba itse gore di tsamaya fa kae.
Ba kopile ofisi ya ga molaodi go emela kgang eo ka dinao ka gore ba tlhokana le ditlhabololo.
Makhanselara ba ne ba kopa khansele le ofisi ya ga molaodi go tswa ka maano a a ka thusang ba ba tlhokang dikago tse ba ka berekelang mo go tsone dikgwebo tsa bone, thata mo toropong ya Ghanzi.
Makhanselara ba supile fa bontsi jwa dikgwebo tsa banana di phutlhame ntateng ya mafelo a ba direlang teng, ba lopiwa madi a mantsi, ka jalo ba palelwa ke go duela.
Ba ne ba kopa ba lephata la ditsela go baakanya ditsela ka gore ditsela tsa metse e mengwe ga di mo seemong se se siameng.
Ba supa gape fa mo tseleng ya Ghanzi le Kuke, leruo le nna fela mo tseleng, mme le ka baka dikotsi.
Makhanselara ba ne ba ngongorega ka matlo a a agelwang batlhoki gore ga a mo seemong se se siameng ka gore bontsi jwa matlo ao a ana, ka jalo ba kopa khansele go potlakela go baakanya matlo ao.
Mokhanselara wa Grootlagte, Rre Ezekiel Kajuu o ne gape a ngongorega ka mananeo a lephata la bong gore dimausu tse di neng di neetswe batlhoki go itshetsa ka tsone ga di sa tlhole di bereka di phutlhame.
Mokhanselara Kajuu o ne a batla go itse fa lephata la bong le sena leano lengwe go thusa batho bao go simolola dikgwebo tsa bone gape.
A re o lemogile fa batho ba ba newang dithuso tsa dimausu, ba ne ba sa rutuntshiwa ka dikgwebo tseo, ke sone se se dirileng gore dikgwebo tsa bone diphutlhame.
Mokhanselara Kajuu a re lenaneo la ISAAPAD le tsweletse sentle mathata ke gore batho ba santse ba sa tlhaloganye gore ba ka ipopa ditlhopha gore ba phunye didiba kwa masimo.
Ka jalo ba lephata la temo-thuo ba tshwanetse go rotloetsa batho go dira jalo ka gore lenaneo leo le mosola.
Mokhanselara wa Newxade, Rre Jumanta Gakelebone a re ka maikaelelo le maikemesetso a puso ke go ntsha Batswana mo lehumeng, jaanong o ipotsa gore go diragala eng ka mananeo ao ka bontsi bo phutlhame ntateng ya gore ga gona theko kwa metseng.
Mokhanselara Gakelebone o ne a kopa ofisi ya molaodi go tsenya thata leitlho mo dikgwebong tse dineetswe batho gore ba bone gore ke eng di phutlhama.
Mokhanselara o ne gape a ngongorega ka mananeo a khansele, gore bontsi jwa one a na le mathata, mme bone e le khansele ba tshwanetse go emela mananeo ao ka dinao gore a kgone go bereka sentle.
Mokhanselara wa Ghanzi Township Central, Mme Gakeolete Dikoma ene o ne a ngongorega ka modumo o o sa robatseng batho ba toropo ya Ghanzi.
O ne a kopa molaodi go ba thusa ka gore ga a itse gore go na le diteseletso tse di fiwang boradibara gore ba letse go fitlhelela phakela.
E rile mothusa molaodi, Rre Williama Keareng a araba dingongorego tsa makhanselara, a supa fa e le nnete ditlhabololo tsa madi a dikgaolwana a botlhopi di diegile, mme ba tlaa leka ka bojotlhe gore ngwaga o o tlang di simolole ka gore go ne gona le dikgwetlho dingwe tse di neng di dira gore lenaneo leo le diege go simolola.
Rre Kaereng a re ka modumo o dumalana le mokahanselara ka jalo o tlaa kopana la ba ba lebaganyeng go fedisa modumo oo.
Tse dingwe dikgang o supile fa ba tlaa di sala morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 10 Dec 2017






