Leruo ke teemane ya Botswana - Digobe
10 Dec 2017
Mookamela mapodisi a kgaolo ya borwa, Rre Harrison Digobe o boleletse barui gore loruo ke teemane ya lefatshe leno ka jalo le tlhoka go somarelwa le sirelediwa kgatlhanong le magodu.
Rre Digobe o boleletse barui, ba kgaolo ya District No. 4, e e akaretsang Woodhall, Lobatse, Ramatlabama le Goodhope bosheng gore itsholelo ya lefatshe, e ikaegile ka leruo.
O buile se kwa bokopanong jwa barui le mapodisi jo bo neng bo tshwere go ba tsibosa ka bogodu jo boileng magoletsa jwa loruo mo kgaolong ya borwa.
O tsweletse a bolela gore morafe le mapodisi ba eme ka dinao go lwantsha mmaba ebong bogodu jwa leruo.
A re bogodu jwa leruo bo tshwana fela le borukutlhi bongwe le bongwe, mme le fa go ntse jalo go na le lekalana le le tlhomilweng go itebaganya le borukutlhi jo.
O tsweletse a bolela gore mapodisi ba tsaya dikgang tsa bogodu jwa loruo ka tlhwafalo, a tlatsa ka gore go tlhoka tshwaragano ya morafe le mapodisi.
A re fa borukutlhi bo diragetse go abo go na le mongwe yo o boneng tiragalo eo, a tlatsa ka gore barui ba tshwanetse go itsa le go fema bogodu jo jwa leruo.
Fa a latlhela la gagwe, Senior Assistant Commissioner Emmanuel Dikgomo, go tswa kwa lekalaneng le le itebagantseng le go lwantsha bogodu jwa leruo, o rotloeditse barui go bopa dikomiti tsa barui, mme gape di dira fela jaaka tsa twantsho borukutlhi tsa ntebela ke go lebele. A re bone ba ka dira ntisetsa ke go disetse.
O tsweletse a re, bogologolo go ne go sena matimela batho botlhe bane bana le matshwao a diruiwa tsa bone gape ba itse leruo la bone,
A re e ne ya re fa leruo lo tsene mo kgaolong, go sa itsewe mong wa lone, gone go itsisiwe Kgosi. A tlatsa ka gore tota go ne go le bonolo gore mong wa loruo , a kgone go le bona.
Senior Assistant Commissioner Dikgomo o rotloeditse dikomiti tsa barui go ikopanya , gore ba thusane go disa.
A re komiti e ya barui, e na le boikarabelo jo bo fetang jwa pele, a tlatsa ka gore ba ele tlhoko gore bangwe mo teng ke dilalome, go
O tsweletse a gatelela gore ntisetsa ke go disetse e botlhokwa fela thata, ka gore fa ba tshwere legodu ba ka dirisa lebante go mmofa, gore ba sepodisi ba le fitlhele foo, a re kana Setswana sa re sekukuni se bonwa ke sebataladi.
A re ba batla go itse gape gore komiti e, e kopana jang leng, kae, go itshekatsheka, go bona tse ba dikgonang le gore tse dipalang ba ka dira jang.
Senior Assistant Commissioner Dikgomo a re a loruo lo rekwe sentle, fela go salwe tsamaiso yotlhe ee siameng morago.
O tsweletse a rotloetsa barui gore ba eme sentle ba nne le mananeo a ba ka emisang magodu go dira maikaelelo a bone.
O tladitse ka gore ba amogane dikgang tse di diragalang, a fa sekai gore ngwana o tla abo a nna le dikgomo a sa bereke mme a sena tshipi, a bo a itirela tshipi ya gagwe.
A re botsadi bo tshwanetse go botsa ngwana o tsaya kae dikgomo a sa dire gope.
A re a batho ba seka ba amogwa di tsa bone, a tlatsa ka gore komiti ya barui e tlhoka go nosediwa, ba kopane ba abelane maatla go thusana, a re ka na Motswana fa a re o humile o raya kgomo.
Mongwe wa barui go tswa kwa Kanngwe,Rre Mosimanegape Balesamang o lebogile thata mapodisi go ba thusa go tlhokomela ditsa bone.
A tlatsa ka gore bontsi jwa sebaka go utswiwa dikgomo di isiwa kwa dintshong, a re twantsho borukutlhi jo e tshwanetse go simolola ka barui. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Bokopano jwa Barui le Mapodisi
Date : 10 Dec 2017






