VDC ya Malwelwe e abela batlhoki
10 Dec 2017
Ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Malwelwe, ba abetse batlhoki ntlo le ntlwana ya boitiketso.
Fa a amogela baeng kwa tirong, kgosi ya Malwelwe Kgosi Bokau Tobe, o tlhalositse fa tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a kopile Batswana gore ba thusane ba bo ba tsosolose mowa wa kutlwelobotlhoko.
Kgosi o tlhalositse fa mowa wa boithaopo o fedile, a supa gore fa ba sa utlwelane botlhoko ba tla latlhana mme a kopa morafe wa gagwe go godisa mowa wa neelano.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Baboletse Mokweni, o tlhalositse fa mogopolo wa go agela motlhoki ntlo o tswa kgakala ka ngwaga wa 2014, a supa fa go aga ntlo eo go ne go le bokete ka ba ne ba sena kwa ba bonang dithuso teng.
Mme Mokweni o tlhalositse fa ba ne ba kopa dithuso mo badirelapusong, balemi le dikereke, a bo a leboga botlhe ba ba tsereng karolo mo go ageng ntlo eo, a supa gore fa e ne se ka bone ba ka bo ba sa kgona go e aga.
Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe Rre Liakat Kablay o ne a akgola batho ba Malwelwe gore le ntswa ba sa bereke gope, ba kgonne go aga ntlo le ntlwana ya boitiketso ka boithaopo.
O supile fa tautona a ba kopile gore ba thusane, a bo a ba kopa gore ba tsweledise mowa oo le fa a sena go tlogela setilo sa botautona.
Mopalamente o supile fa Batswana bangwe ba sa rate go bona ba ga bone ba sotlega, a supa fa batho bangwe ba sa bone boroko fa dipula di na, ka di ba tsenelela mo matlong a bone.
Rre Kablay o boletse gore ba komiti ya VDC, ba tlisitse seriti kwa lwapeng la ga Mme Gabolekane, ka jaana le sefularong sa gagwe o tla a bo a itse fa a tlogelela bana ba gagwe boswa jwa ntlo.
Mopalamente o kopile banaba ga mme Gabolekane go se rontshe motsadi wa bone ntlo ya gagwe ka go mo robatsa kwa ntle, a bo a kopa ba masika go se akanye gore fa mme yoo a fulara, ba ka lwela motse wa gagwe.
O kopile Mme Gabolekane go tlhokomela ntlo ya gagwe, le go netefatsa gore bana ba gagwe ga ba thube matlhabaphefo.
Erile a amogela ntlo eo Mme Nteko Gabolekane yo ebileng e le mo-na-le bogole, o ne a supa fa itumeletse mpho eo fela thata mo a a tlhokang a le tlhaeng.
Rre Sebesame Matlho yo ene a neng a belwa ntlwana ya boitiketso ebile gape e le mo-na-le bogole, o ne a supa fa a leboga Modimo ka tlhotlheletso ya mowa gagwe oo boitshepo, o a o tsentseng mo baleming gore ba mo gopole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MALWELWE
Event : Kabo ya Ntlo
Date : 10 Dec 2017






