Breaking News

Twantsho HIV AIDS e botlhokwa

10 Dec 2017

Motswana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go ema ka dinao go lwantsha mogare wa HIV/AIDS gore o seka wa anama.

Modulasetilo wa Khansele ya Borwa Botlhaba, Rre Phenyo Segokgo o buile seo kwa segopotsong sa letsatsi la go lwantsha mogare wa HIV/AIDS kwa motseng wa Taung bosheng.

O tlhalositse fa motho a tshwanetse go ipotsa dipotso gore o dira eng go lwantsha mogare oo.

Rre Segokgo o supile fa botsogo e le tshwanelo ya mongwe le mongwe, go bona gore o tshelela mo botsogong jo bontle.

O supile fa mogare wa HIV/AIDS, o le borai ka o tsaya matshelo a batho ka dipalo tse di kwa godimo.

O ne a supa fa go na le makalana a a ikemetseng ka nosi a a tshwanang le bo Humana People to People, Emanuel Counseling Centre le a mangwe go leka go lwantsha mogare.

O ne a tlhalosa fa Botswana a eme ka dinao go leka go lwantsha mogare wa HIV/AIDS, a bo a supa fa maiteko a lefatshe e le gore ka ngwaga wa 2030 mogare o bo o le ko tlase.

O ne a supa fa motse wa Taung o iteka ka go bo dipalo di supa fa batho ba ba tshelang ka mogare di le kwa tlase.

Rre Segokgo o ne a rotloetsa banni ba Taung go tsaya maikarabelo a go itlhatlhobela mogare le go o lwantsha.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane mo go tsa botsogo go tswa mo Borwa Botlhaba, Rre Simon Goabamang, o ne a tlhalosa fa gona le lenaneo le le bidiwang Treat to All, le le rotloetsang gore mongwe le mongwe a itse seemo sa gagwe.

Rre Goabamang o ne a supa fa diritibatse tsa mogare wa HIV/AIDS di le teng go fiwa bao ba nang le mogare wa HIV.

O ne a supa fa Batswana ba sa tshwanela go boifa go ya kwa kokelong, ka e buletswe mongwe le mongwe.

O rotloeditse ba ba tshelang ka mogare wa HIV gore ba ikamogele, go tswelela ba tsaya diritibatsI le go itlhokomela ka nako tsotlhe.

Rre Goabamang o ne a kopa morafe go nna le maikarabelo ka matshelo a bone le gore ba itse seemo sa bone nako e santse e le teng.

Mothusa Kgosi wa motse wa Taung, Kgosi Louis Nkwe o ne a supa fa lefatshe la Botswana le eme ka dinao go lwantsha mogare wa HIV/AIDS.

A supa fa letsatsi la segopotso sa go lwantsha mogare wa HIV, e le gore setshaba se bopagane go nna le boikarabelo gore mogare o seka wa ama matshelo a bone.

Fa a tswa la gagwe, moemedi wa komiti ya ditlhabolo tsa motse, Mme Amogelang Leburu o ne a gakolola morafe gore ba tshwanetse go tswelela ba le mo Modimong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gogontle Sanka

Location : TAUNG

Event : Letsatsi la go lwantsha mogare wa HIV/AIDS

Date : 10 Dec 2017