Ba rotloediwa go sireletsa dithoto
10 Dec 2017
Banni ba Selebi Phikwe ba rotloeditswe go tlhokomela dithoto tsa bone bogolo jang ka nako ya malatsi a boitapoloso.
Se se builwe ke mookamela sepodise sa pharakano kwa Selebi Phikwe Superintendent Odirile Mosweu kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng go tswa mo kgaolong ya bokone.
E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, Supretendent Mosweu a supa fa seo e le go lemoga ba ba kileng ba latlhegelwa ke matshelo ka na ba bona dikgobalo ka lebaka la dikotsi tsa tsela.
Superintendent Mosweu o supile fa dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a batho ka dipalo tse di kwa godimo, mme ba dira jalo go lemotsha setshaba le go ba gakolola ka fa ba ka ipalelang ka teng mo ditseleng.
Superintendent Mosweu o supile fa sepodise sa Botswana se simolodistse malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le borukutlhi le dikotsi tsa tsela go tlhomamisa gore setshaba se babalesegile le dithoto tsa bone mme ba tlhoka kemo nokeng ya morafe gore maikaelelo a bone a ba tswele maduo.
Superintendent Mosweu a re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go fokotsa dintsho tse di bakwang ke go kgweetsa motho a itshietse nnotagi.
Molalediwa wa letsatsi, Dr Mokubung Mokubung yo e leng mookamedi wa lekalana la SPEDU a re badirisi ba tsela ba tshwanetse go nna le neelano ka seo se ka dira gore e re mo nakong e e tlang dintsho tsa tsela di bo di fokotsegile.
Dr Mokubung o ne a supa fa banana e le bone ba ba rekang dikoloi ka dipalo tse di kwa godimo mme e bile e le bone ba ba amegang ka bontsi mo dikotsing tsa tsela.
Dr Mokubung o ne a supa fa puso e senyegelwa ke madi a mantsi go alafa batho ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela.
Kwa bofelong Rre Mafolo Ubepo go tswa kwa lekalaneng la Emergency Services (EMS) kwa Selebi Phikwe o ne a supa fa ba tshwenngwa ke batho bangwe ba ba kgonang go letsa ba tlhalosa fa go diragetse kotsi ka na sengwe se se masisi se diragetse mme go sena nnete ka seo.
Rre Ubepo a re go dira jalo go senyetsa puso ka ba a bo ba dirisitse ditsompelo go tsaya mosepele go ya kwa lefelong le go tweng tiragalo e diragaletse gone.
Rre Ubepo o ne gape a gakolola morafe gore fa ba bega tiragalo tsa tshoganetso ba tshwanetse go bo ba wetse dibete gore ba tle ba kgone go utlwana le yo ba tlaabong ba bua nae ka gona le dipotso tse ba tlaa tshwanelwang ke go di araba gore ba kgone go thusiwa.
Setlhogo sa letsatsi se ne se tlhalosa fa maikaelelo a ba sepodise e le go fokotsa dikotsi tsa tsela le dikgobalo tse di tseneletseng ka sephatlo mo lekgolong go ya go tsena ka ngwaga wa 2020. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Moletlo
Date : 10 Dec 2017






