Breaking News

Banni ba Mmatshumo ba kopiwa go tlotla seso

07 Dec 2017

Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa Mmatshumo mo kgaolong potlana ya Boteti o kopile banni ba motse oo go nna le setho mo losong.

Kgosi o dirile kopo eo mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi, e e neng e itebagantse thata le boitshwaro jwa bomme.

Kgosi o supile fa a tshwengwa ke kafa bomme bangwe ba sa apareng sentle ka teng mo dintshong, mo a reng ga go supe fa ba tlotla loso.

O supile fa banni ba sa tlhole ba na le tlotlo mo losong gammogo le go le ilela jaaka gone go ntse bogologolo.

Kgosi Phetsogang a re o biditse phuthego morago ga gore bomme ba ngongorege ka dilo dingwe tse di diragalang mo dintshong, tse di akaretsang go rwala dihutshe, go apara bokhutshwane, go itsaya dinepe ko mabitleng le go nna digongwanagongwana ba tsositse modumo tirelo ya phitlho e tsweletse.

Banni ba ne ba dumalana le Kgosi ka bongwefela jwa pelo fa e le nnete go tlotla loso go nyeletse mo motseng, ka jalo ba tswa ka mogopolo wa go emisa seemo seo.

Ba ne ba supa fa ba le kgatlhanong le bomme ba ba rwalang dihutshe le ba ba aparang bokhutshwane mo dintshong.

Ba tlhalosa gore mme o tshwanetse a apara mosese oo tshethileng, a bofa tukwi a bo a bipa magetla fa a ya losong.

Ba ne gape ba dumelana gore ga ba na go letlelela mekgwa e ya go tlhoka botho mo dintshong, ba tlhalosa fa ba tla lebelela, mme ba

tseele dikgato ba ba dirang jalo.

Kgosi o tlhalositse fa a itumelela gore bomme ba lemogile fa ba ntse ba sa dire dilo sentle, a tlatsa ka gore mogopolo o ga se go kgokgontsha ke go leka go baakanya motse.

Kgosi Phetsogang o kopile barekisi ba bojalwa go obamela melao ya thekiso ya bojalwa, ba dira jalo ka go bula le go tswala ka dinako tse di beilweng le go fokotsa modumo ka malatsi a boitapoloso.

O ne gape a gakolola sechaba go itswara sentle ka malatsi a boitapoloso ka se se ka fokotsa dikotsi sa tsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gofaone Kelebeile

Location : MMATSHUMO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Dec 2017